Naledi

Tiro e a wela

Re ne ra re, ka e rile ngwaga o o fetileng o wela, le ono o simologa, pula ya na thata go feta le jaaka re ne re solofetse, re ne ra isa pelo mafisa. Re ne ra solofela gore,  ka pula ke eo e nele, Batswana ba tlaa lema mme ba dike ba bonye thobo e ntsi thata kana ba fotse.

Re ne ra tswelela ra re, mme fa re ntse re lebile, ga re bone fa t hobo e re neng re e solofetse ele, e tlaa bonala ka jaana balemi ba ne ba kgorelediwa ke dilo dingwe. Ra re, la ntlha go ne ga senya yone pula, ya fetola masimo mangwe megobe le dinoka mme beng ba one ba se ka ba kgona go lema. 

Pula e sale foo, bangwe ba ba neng ba lemile ba tlhaselwa ke seboko sa segopa (army worm) . Ga twe seboko se, se ja mmidi go o bolaela ruri. Dijwalo tsa sika loo thotse le tsone, ka di tshaba metsi, tsa babalelwa ke pula, tsa a swa.

Mme fa go ntse jaana, molemi a bo a ka solofela go roba eng. Go lebega sa gagwe e ka nna go itlhoboga fela, go rwala thoto, a boela gae a iphotlhere.

E rile kgang ya rona e ntse e tsweletse, ra utlwa fa kwa Machana, mo kgaolong ya Ngwaketse Bophirima, balemi ba ne ba fenyediwa ke mhero, e ntse e le ka lebaka la pula.

Re ne ra utlwa gore, koo pula e ne ya na dijwalo di setse di dule, masimo a lekanye go tlhagolwa. Mme ka pula e ne e na malatsi otlhe, balemi ba se ka ba bona nako ya go tlhagola.

Mo go tlaa raya gore dijwalo di ne tsa se ka tsa gola sentle, tsa hupediwa ke mhero. Go ntse go ntse jalo, ga twe diji le tsone, e bong kgaka, phuti, ntlole le sepepe, .le tsone tsa tsena tsa senya, thata di e ja bosigo. Balemi ba nna ba belaela gore a ruri ba tlaa tswa ka sengwe.

Re ne ra utlwa gore, e ne e rile molemi mongwe kwa Machana a itekodisa BOPA, a re ba nelwe ke pula nako ya dijwalo di fatlhoga mme ka jalo, ba palelwa ke go tlhagola. Kgang ya rona e ne ya tswa gone fa gore, molemi a re, pula e nele nako ya dijwalo di fatlhoga.

Potso ya nna gore, a lefoko ‘go fatlhoga,’ le dirisitswe sentle; a Setswana se bua jalo, se re dijwalo di a fatlhoga? Re ne ra araba potso e ka gore, nnyaa, dijwalo ga di fatlhoge. Ra re lefoko ‘go fatlhoga’ le raya go tlhalefa kgotsa go gola tlhaloganyo. Kgang ya rona ya wela e re, dijwalo di a gola, ga di fatlhoge. Ra re, go fatlhoga, go fatlhoga motho kana ngwana, go raya gore, o a tlhalefa, o tiya tlhaloganyo; o simolola go lemoga kwa botshelo bo yang teng.

Morago ga kgang ya rona ya maloba, mongwe o ne a tlhaeletsa Mmualebe a botsa gore, tiro yone ga tweng ka yone.

A re, a yone Setswana ga se re e a fatlhoga? Karabo e ne ya nna ya re, nnyaa, fela jaaka dijwalo, tiro ga e fatlhoge. A re lemoge gore, jaaka re setse re buile, fa re bua ka go fatlhoga, re bua ka go gola tlhaloganyo.

Dijwalo, tiro le dilo tse dingwe, ga di na epe tlhaloganyo e motho a nang nayo. Jalo he, ga go sepe se e ka reng re bua ka sone ra re se a fatlhoga ka jaana ga se na tlhaloganyo. Go gola dilo di ka gola mme di gola mmele; di golela kwa godimo, di katoga lefatshe.

Fa re bua ka tiro, re ka re, e a gola, re raya gore e nna ntsi, kana re re, e godile, re raya gore ka mabaka mangwe e oketsegile, e nnile  ntsi. Motho o ka fiwa tiro nngwe go e dira.

 A solofela gore o tlaa e dira a e fetse ka pela. Mme e re a sa ntse a e tshwere, a e dira, a fiwe e nngwe gape gore a e dire. Gone fa, ke gone fa a ka reng tiro e a gola kgotsa e godile, a raya gore e ntsi ampo e ntsifetse.

A e dire a e fetse mme a re tiro e fedile, e  khutlile, kana e wetse. A re itse  gore, tiro ga e fatlhoge. Tiro e a wela, e a fela, e a khutla; go twe e tsile kwa bofeleng, e tsile  bokhutlong kana e wetse. Re boe re re, go feditswe, go weditswe, e seng tiro e fatlhogile.