Naledi

Katse ko palamenteng, bogolo Segokgo � Batlokwa

 

Ba dira jaana ka Matlhatso ba thibela ntlhopheng wa Domkraga(BDP) Elijah Katse go fenya ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolo e ya bone.

Ntlhopheng o wa Domi, ebong Katse o setse a na le dingwaga di le dintsi that a ntse a iteka go ka tsena ka kgoro ya palamente go emela Batlokwa teng, se mme go bonetse ka Matlhatso gore Batlokwa ba ikanne gore go na le gore go tsena Katse ka kgoro e, go ka mpa ga tsena Segokgo.

Mo dipineng tsa bone ka Labotlhano bosigo ka nako ya tebelelo ya bofelo, barati le balatedi ba sekhukhu(UDC), ba ne ba opela dipina ka mefuta ba tlhalosa gore fa Katse e ka tsena ka palamente, e tla a bo e se thomo ya dithakadu. Ba re ko palamenteng go bonala segokgo mo lekomeng le mo marulelong, mme mongwe le mongwe a itse se.

Ba ne ba re Katse a itlhoboge, a lebale gotlhelele ka go tsena mo palamenteng ka tlhopho ya bone, ba re fa e le sengwe ba ka mpa ba tsenya Segokgo, se sa tlhalosa sentle gore Batlokwa ba ila Katse le phathi ya Domi lebaibai.

Go supa ntwa ya bone kgatlhanong le Katse, barati le balatedi ba sekhukhu ba ne ba supa mefuta e e farologanyeng ya katse, le mekgwa e e bolawang ka yone, bogolo jang wa go e tsenya mo kgetseng pele o e photha ka molamu kgotsa thobane.

Bangwe banana ba bonala ba tshotse sefapano, mme se na le katse e bapotswe mo go sone, se ba re ke ka fa ba yang go bapola ntlhopheng Elijah Katse ka teng mo mabokosong a ditlhopho ka Matlhatso. Moono o le mongwe fela, e le wa gore Katse a seka a bo a atamela ka gope kgoro ya palamente, e go lebegang ene a e nyoretswe go feta metsi go le selemo.

Se se neng se lemosega kwa Tlokweng ke gore le ntswa ditlhopho tse di ne di thulantse bontlhopheng ba le bararo, Masego Segokgo, Katse le Sherley Segokgo, ntwakgolo e ne e le fa gare ga Segokgo wa UDC le Katse wa BDP. Ka gore fa ba sekhukhu ba ntse ba tlhobosetsa Katse kgoro ya palamente jaana, kwa Domi le gone ba ne ba ntse ba leka go ingapangapela ka go bolela gore Katse o lebile kwa palamenteng go emela Batlokwa.

Morago ga go fenngwa botlhoko ga ga Katse ke Segokgo, bangwe ba ne ba bolela fa nako e tsile ya gore mogolo Katse a latlhele toulo ka a setse a lekile makgetho a le mantsi a ntse a palelwa. Ba tswelela fela ba papamala gore bone e le Batlokwa ga ba kitla ba mo tlhopha, go sa kgathelesege gore o eme le mang, bogolo jang ka ebile a ema ka talama ya Domi e bone e le Batlokwa ba e ilang lebaibai.