Naledi

Batlhophi ba Oodi/Matebele ba leboga Mangwa

DINEPE: TEICHLER RANKOA
 
DINEPE: TEICHLER RANKOA

Fa gongwe tota ba re ba ikotlhaela go se nang mosola ope ga gagwe mo go bone. Mme se, ga se se se dirafetseng ka mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Oodi/Matebele, Rre Kelekwang Mangwa. Ene, morago ga dingwaga di le lesome le botlhano a ntse a le mokhanselara, baagi ba kgaolo ba ne ba mo leboga go menagane.

Mangwa, yo o sa tlholeng e le mokhanselara, o setse fela ka go rumaruma ka boitumelo morago ga go bona morafe wa Oodi/Matebele o lebogela ka fa a neng a dirisanya le bone ka teng, dingwaga tsotlhe tse a neng a romilwe kwa khanseleng ya Kgatleng. Batlhophi ba kgaolwana e ba re ba ne ba bona go le botlhokwa thata go ema ka dinao go leboga senatla se sa monna se ba reng se ne sa itshupa gore ke morongwa yo o boikanyego le boikobo mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng.

Go ya ka mongwe wa barulaganyi ba moletlo mogolo, Mme Batshedi Mothoosele, Mangwa o tsenye mo khanseleng go emela Oodi/Matebele ka talama ya kganetso ya Puo-Phaa (BNF) morago ga go tsaya mo baemeding ba phathi e e busang ya Domkrag (BDP). E rile go tsaya setilo se, le yone thomo, a lwa ka gotlhe go tlhomamisa fa ditlamelo le ditlhabololo di goroga mo metseng ya Oodi, Matebele, le masimo a Ramodibe le Kgalapitse.

A re bonatla jwa monna yo, bo ne jwa dira gore e nne motshepegi, mme baagi ba metse e, ba bona go le botlhokwa go mo neela thomo ngwaga nngwe le nngwe ya ditlhopho tsa setshaba.  A re ke sone se a kgonneng go nna makgetho a le mararo kwa khanseleng. A tlatsa ka gore, se ga se go bo a ne a ratiwa fela ke batho. A re mabaka magolo e ne e le bonatla le kutlwelobotlhoko ya gagwe, a a fa sekai sa gore, o ne a na le thulaganyo le lenaneo le ka lone a neng a thusa bana ba ba fentseng ditlhatlhobo ka paka ya sekole; fela jalo le  ba ba kobo dikhutshwane.

Go bolelwa gore, baagi ba ntse ba kopa Mangwa gore a emele ditlhopho tse di tlang tsa 2019 gore a boele kwa khanseleng. Fela ene o le supa le le fa, gore ene tema ya gagwe o e segile, tiro ya gagwe o dumela gore o e weditse. Gape ga twe, o boletse fa a bona go le botlhokwa gore bangwe ba tswelele ba ye pele le motlhala wa ditiro tsa gagwe tse dintle.

Ka go bona gore Mangwa o gana go boela ditlhophong, Mothoosele a re, ba ne ba bona gore ba mo direle sengwe se se tona se a tlaa ba gakologelwang ka sone, le gone go bona gore, ka boammaaruri baagi ba kgaolwana e, ba amogela ditiro tsa gagwe.  Jalo he, ba bona gore ba mo direle phathi fela ya matswa diatleng, b abo ba mo rekele le go mo abela dimpho ka go farologana, gore a bone fa ba ratile ka fa a ntseng a bereka le bona ka teng.

Mothoosele a re, monna yo, le fa a ne a ema ka talama ya Puo-Phaa, o ne a rongwa ke mo mongwe le mongwe, go sa kgathelesege gore ke wa phathi efe. A re le bone ba Domi ba ne ba nna fela ba mo tlhopha ka ba ne ba bona gore o dira tiro ya gagwe ka botswerere. Fa e le boroko bone, ga twe o ne a robala a butse matlho, ka e ne e re fa mogala o tsena kwa go ene, go kua mokgosi, a bo a setse a goroga kwa selelo se tswang teng.

E rile a leboga batlhophi ba gagwe ba pele, Rre Mangwa a bolela gore a mo feletse a le tlhaeng; a re, tota kana fa motho a romilwe, o leka ka bojotlhe gore a e diragatse thomo eo, mme a re o re, o ne a sa solofela malebo a magolo go le kana. A re moletlo o, o supa sentle gore baagi ba Oodi/Matebele ke batho ba amogela ditiro tsa gagwe ka ‘atla tsoo pedi, mme e bile ba supa fa ba ratile ka fa a neng a bereka le bone ka teng thata

A re, jaaka mokhanselara, o ne a kgona tiro ya gagwe ka batho. A boa a re, o ne a setse morago puo ya Motswana e e reng, kgosi ke kgosi ka morafe, motho ke motho ka ba bangwe. Ke sone se a neng a tlhomamisa gore o rerisanya le batlhophi, le dikgosi le dikgosana, ka dinako tsotlhe. A gakolola gore ope fela yo o mo maemong o tshwanetse go tlotla batlhophi, mme a se ka a iwa ke maemo thata kwa tlhogong ka a ka felela a palelwa ke tiro, a bo a tshabiwa ke batho e sone se a neng a tlhomamisa gore o rerisana le batlhophi le dikgosi le dikgosana ka dinako tsotlhe. A gakolola gore, ope fela yo o mo maemong o tshwanetse go tlotla batlhophi, mme a se ka a iwa ke maemo thata kwa tlhogong ka o ka felela a palelwa ke tiro a bo a tshabiwa ke batho