Naledi

Moeka a le botsa phokoje fa mokapelo a betelelwa

Go ya ka ramapodise wa Mahalapye, Superitendent Isaac Mamadi, tiragalo e e diragetse bosigo ja Tshipi kwa lwapeng la motswasethabelo fa a ne a isitse marapo go beng le mokapelo wa gagwe. A re goya ka dithothomiso tsa mapodise, mmelaelwa one a ipetelela mo ntlong le go kokota a sa kokota fa baratani bone ba ne ba ba robetse.

Ramapodise a re go ya ka polelo ya motswasethabelo, mmelaelwa o ragile a bo a bula lebati la kamore ya borobalo gare ga bosigo. O tlhalositse fa erile selalome se bula lebati ka dikgoka, monna yoo dingwaga di masome a mabedi le boferabongwe a lebotsa phokoje a tlogela moratiwa wa gagwe kwa morago.

Mamadi a re mmelaelwa o ne a keteka a bo a raga motswasethabelo gongwe le gongwe mo mmeleng lentswa a ne a sa apara sepe a bo a mo gogela kwa sekgweng se se gaufi mme a mmetelela. A re goya ka motswasethabelo, mmelaelwa ke mokapelo wa gagwe wa pele ebile bana le ngwana mmogo.

Ramapodise o tladitse ka gore mosadi o boleletse mapodise fago le lebaka ba kgaogane le monna yo mme ebile ba sena epe puisano.

Mamadi a re erile mmelaelwa asantse a dira tiro e masisi e, mokapelo wa motswasethabelo a goroga mo lefelong la ditiragalo mme a kgathantshiwa ke go bona modira molato a le fa godimo ga moratiwa wa gagwe. A re erile fa mokapelo wa motswasethabelo a botsa mmelaelwa gore o dirang, mmelaelwa a mmotsa ka bogoma gore ga a bona eng mo gose aneng a se dira. Go bolelwa fa a ile a mo tshosetsa ka go mmolaya fa a ka leka go ba atamela.

Mmadi a re goya ka polelo ya mokapelo wa motswasethabelo, o ne a iphalotsa ka go lebotsa phokoje gape. Lekawana le boleletse ba sepodise fa le ne le tshoswa ke go bona rre wa mmele oo itekanetseng gape a thatlogile monyo. Lefa gontse jalo, a re motswasethabelo o bone dikgobalo tse di masisi tse a di alafetsweng kwa sepateleng se se golwane sa Mahalapye mme morago a gololwa go ya lapeng.

 O tsweletse ka gore mmelaelwa ene ba santse ba mo tshegeditse go fitlha tsatsi la go iponatsa kwa lekgotleng la ga mmakaseterata.

Mo go tse dingwe, ramapodise a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro yo o berekang ele modisa kwa morakeng wa Tidi kwa ntle ga Mahalapye,go bolelwa fa a tlhakanetse dikobo le mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome le botlhano. Mme pego  ya gagwe i tsile ka malomaagwe kwa go bone. “Lefa go ntse jalo mosetsanyana o ne a ya go nna le mmelaelwa kwa morakeng ka tsatsi la Matlhatso ka jalo a seka a iponagatsa kwa sekolong ka Mosupologo. Morago ga go utlwa kwa a neng a le teng, malomaagwe a mo latela a ya go motsaya a mo tsisa kwa go ba sepodise. Mme mo dipotsolotsong, mosetsanyana o dumetse fa a kopanetse dikobo le mmelaelwa, mme a latola faele baratani. A re mmelaelwa o ne a itseela dikobo ka dikgoka,”a rialo Mamadi.

Mamadi a re o tshwentswe ke melato ya mofuta o kwa kgaolong ya gagwe a tlhalosa fa ba setse ba gatisitse melato ya mofuta o e ferabongwe fa e sale ngwaga ono o simologa go fitlha ka jaana. Ar e se se ngomolang pelo ke gore bontsi ja batswasetlhabelo ba ke bana fela ba ba santseng ba le kwa dikolong. A tlatsa ka gore go bonala ba na le kgatlhego mo maratong a o.

Mmelaelwa mo tiragalong eo, gaa ise a tshwarwe. O gakolotse banna botlhe go itse thata dingwaga tsa basetsanyana pele baka akanya katsa tlhakanelo dikobo le bone.

O gakolotse gape banna botlhe go tlotla basadi a re go tlhabisa ditlhong ebile go utlwisa botlhoko gore mosadi a betelelwe ka letsatsi la bone le le kgethegileng. Mamadi o buile asa kgale mathe ganong gore ke go thoka go tlotla basadi go dira jalo.

Mamadi a re go simolola ka kgwedi ya Ferikgong go fitha kgwedi ya Moranang ba gatisitse dikgetse tsa petelelo di le masome mabedi le borobabobedi kwa kgaolong ya gagwe mme se se utlwisang bothoko badiramelato ele banana.