Naledi

Batlokwa ba budusitse tsela � Motsamai

 

Mongwe wa maloko a, yo ebileng a neng a di goga kwa pele mo ipapatsong ya UDC kwa kgaolong ya Tlokweng pele ga ditlhopho, Nicodimus Ntso Motsamai a re ba itumetse thata go tswa ka phenyo e.

Motsamai o boleletse Naledi gore ba ne ba tlhomamisa gore ba ema ka dinao go tshwaragana le komiti ya Tlokweng ya ipaakanyetso ditlhopho le yone ipapatso. A re ba ne ba dira jaana ka ba ne ba sa eletse ka gope gore ntlhopheng wa phathi e e busang ya Domkraga Elijah Fashion Katse a fenye.

Motsamai yo o reng o tswa kgakala le phathi ya kganetso ya Puo-Phaa(BNF), a re ga gona ka letsatsi lepe le a letsang go utlwa gotwe Domi e fentse ditlhopho. A tlhalosa gore fa Domi e fenya o tlelwa ke mahutsana ka a itse fa Batswana ba tla a tswelela ba sokola.

O tsweletse a bolelela Naledi fa letsholo la bone go tswa kwa Kgatleng go ya Tlokweng le ne le supa fa ba eletsa go bona Batlokwa ba sireletsa tlhopho ya bone ya ngwaga ya ditlhopho tsa 2014.

Mabapi le maduo a Tlokweng, Motsamai a re se ba se lemogileng ke gore diphathi tsa sekhukhu di ne di tshwaragane e le ngata e le nngwe, gammogo le Batlokwa ba ba lelelang lefatshe la bone le le tserweng ke bagolo ba Domi le bahumi ba batswakwa.

Tshwaragano e ya Batlokwa, Motsamai a re ke yone fela e e thusitseng thata gore ntlhopheng wa UDC, Masego Kenneth Segokgo a fenye bontlhopheng ba bangwe, ba bone ba tseneng mo lebelong le ka dipharologanyo tsa diphathi tsa bone.

Phenyo e ya sekhukhu(UDC),Motsamai a re e tla a itumedisa mopalamente wa pele, Mme Same Kwankwetla Bathobakae golo a go robetseng.

A re jaanong mowa wa gagwe o tla a robala ka kagiso ka maemo a gagwe a sireleditswe ke Batlokwa ka tlhopho ya botlhale le tlhaloganyo.

Motsamai a re o solofela gore dikgaolo tse dingwe tsa botlhophi, le dikgaolwana di ithutile go le gontsi ka ditlhopho tsa Tlokweng.  A tlhalosa gore dipharologanyo le dintwa fa gare ga maloko a phathi e le nngwe ga di na maduo ape a a botoka.

Ka go setse go na le mebala ya phathi ya sekhukhu, eleng botala, Motsamai a re maloko a tshwanetse go leka ka bojotlhe go apara paka.

Se a reng se ka thusa thata go bapatsa phathi e ya bone mo malokong a masha ka dipalo tse dintsi go ya ditlhophong tsa 2019. A re  lefatshe le le batla Duma Boko jaaka tautona, gammogo le kganetso ka Domi e sale e paletswe dingwaga di feta 50 e ntse e le mo setilong.