Naledi

Ditsela tsotlhe di leba Khawa

Go tla a thunya lerole la dithota tsa Khawa ka mafelo a beke
 
Go tla a thunya lerole la dithota tsa Khawa ka mafelo a beke

Maitiso a Khawa a setse a na le dingwaga di le mmalwa a ntse tshegediwa, morago ga go simololwa ke tautona wa lefatshe la Botswana, Lt General DR Ian Khama.

Mafelo a beke go tla a bo go leba yo o sebete jaaka tautona Khama a tla a bo a na le dikete tsa Batswana le batswakwa ba bajanala  go ja monate wa moletlo wa monongwaga wa Khawa.

Batsayakarolo ba tla a bo ba palama dithota ka dithuuthuu tsa metlhaba go jesa baboegedi monate, mme gape ba le mo kgaisanyong ya go palama. Bapalami ba tla a bo ba palama dithota tse tsa Khawa ba fologa ka lebelo le bokgabane jo bo faphegileng.

Go tla a itumedisa thata go bona jaaka e le tlwaelo, tautona Khama le bangwe ba matona a puso gareng ga bone, tona ya lephata la Banana, Metshameko le Ngwao Thapelo Olopeng le wa diphologolo le bojanala Tshekedi Khama ba supa bokgoni jwa go palama dithuuthuu.

Entse e le mo go one maitiso a a dithota tsa Khawa, go solofetswe go bona setlhopha sa banana ba ko Khawa, se sew tlhamilweng ke tautona Khama se tsaya karolo mo lebelong la dithuuthu.

Ba tsena jaana morago ga gore e re morago ga go tlhamiwa ga setlhopha se sa bone, tautona Khama a ba hirele mopalami le mokatisi yo o tlhwatlhwa go ba ruta go palama. Se e le gore motse wa Khawa le one o kgone go ntsha le dinaledi tse di tumileng mo mererong ya go palama dithuuthuu.

Kgaisano e ya dithota tsa Khawa, e setse e amogetswe ka diatla tsoopedi ke morafe wa koo, gammogo le kgosi Piet Manyoro.Yo gangwe le gape a ratang thata go kopa baeng botlhe go itshwara sentle fa ba le koo, a bolela gore ene o letse moretlwa go utlwala mo go botlhe batlhokatsebe.