Naledi

Mpote o kwala ditso e le Motswana

 

Se jaanong go lebega monongwaga se padile ka mokatisi wa Motswana, Mogomotsi Teenage Mpote, a thusitse setlhopha sa gagwe sa Township Rollers go gapa bosimega jwa liki.

Mpote o fenya liki jaana morago ga go tsaya setlhopha mo mokatising wa monna wa motswakwa wa kwa Ennyelane, Mark Harrison, yo o neng a tlogela setlhopha sa Rollers liki ya monongwaga e ntse e tsweletse, a tabogetse mafulo a matalana kwa Aferika Borwa.E rile fa botsamaisi jwa Mapalastina bo bolela fa bo neela mokatisi Mpote marapo a go kgweetsa sekepe sa Mapalastina go ya pele le liki ya BTC, bangwe ba ba neng ba sa dumele mo go ene gotlhelele, ba simolola go dumaduma, ba ngongorega. Ba re, Mpote ga a ka ke a kgona go isa setlhopha sa bone gope fela kwa go botoka, fa e se fela go tloga ba lelediwa moretlwa o o botlhoko  ke ditlhopha tse dingwe, motshameko mongwe le mongwe.Mabaka a bangwe ba ba neng ba sa amogele khiro ya ga Mpote e ne e le gore ga go na jaaka a ka kgona ditlhopha tse di katisiwang ke bakatisi ba batswakwa, jaaka Mike Dubula Dubula Sithole, le Madinda Ndlovu, ba go dumelwang gore ba na le bokgoni le maitemogelo a a kwa godimo a go gaisa bakatisi ba tshwana le boMpote.

Mme ga itumedisa go bona se, se sa tshose Teenage Mpote ka sepe, jaaka a ne a tsaya basimane ba gagwe, a ba katisa go baakanyetsa ntwa e e thata ya go siriletsa bosimega jwa liki ya ngwaga e e fetileng, jo a bonyeng fela bo gapiwa ke mokatisi Harrison morago ga dipuopuo le ditsheko.

Morago ga metshameko ya liki ya BTC ya mafelo a beke e e sa tswang go feta, lefatshe la Botswana le kwala ditso tse disha tsa motshameko wa kgwele ya dinao.

Teenage Mpote o kwala ditso tse disha thata tsa liki ya BTC jaaka e nna ene mokatisi wa ntlha, le Motswana wa ntlha, go fenya liki e ntsha ya BTC ka setlhopha se se tona sa Rollers.

Phenyo e ya liki e kgolwane, e tlogela bontsi jwa Batswana le bagolwane ba ditlhopha ka kgwetlho ya go simolola go tshepa Batswana le gone go ba neela sebaka go itshupa mo tirong ya bone ya bokatisi fela jaaka Rollers e dirile ka Mpote, mme a se ka a ba swabisa ka gope jaaka setlhopha jaanong se itumelela go gapa sedikadike sa dipula le sejana sa liki.