Naledi

A go tsena borwa gape, kgotsa bokone?

SENEPE: KAGISO ONKATSWITSE
 
SENEPE: KAGISO ONKATSWITSE

Ditlhopha tse, e ne e le tsa kgaolo ya borwa, e leng Black Forest, e e neng e fentse bosimega jwa liki mo borwa, Mahalapye United Hotspurs, e fentse kwa bokone, le Security Systems ya borwa, e yone e neng ya sutlhelela ka go fenya metshameko ya go sala mang go tsena mang. Ka metshameko ya go sala mang, go tsena mang, ya monongwaga e tsweletse, matlho a lebile gape go bona gore ke kgaolo efe e e tlaa tsenyang ditlhopha tse pedi.

Ditlhopha tsa liki e ya Debswana, Sharps Shooting Stars go tswa mo borwa, le TAFIC go tswa bokone, tsone di setse di eme sentle mo mannong a tsone a liki ya BTC morago ga go fenya bosimega jwa diliki tsa dikgaolo tsa tsone dibeke di le mmalwa tse di fetileng.

Phenyo e ya tsone e dira gore go sale phatlha e le nngwe e yone e lwelang ke ditlhopha tsa maemo a bobedi, Unioa Flamingo Santos ya Gabane, le Motlakase Power Dynamos go tswa Palapye.

Ntwa e e matlho mahibidu e ya go batla go tsena mo liking e e nang le madi a a botoka go tswa mo barotloetsing, e kgaogantswe ka magato a le mabedi, mme legato la ntlha le setse le tshamekilwe ka Matlhatso mo borwa.

Ke le mo go lone setlhopha se se neng se amogela baeng mo borwa, sa Santos, se neng sa kgona go supa fa e le boammaaruri noga sa latelelwe mosimeng jaaka se ne se fenya Motlakase ka nno e le nngwe go lefela.

Le fa gone motshameko o le mongwe fela o ka se dirisiwe go kgaola kgang, Santos ya borwa e bonala e le mo maemong a mantle a go ka sutlhelela mo liking ya BTC, bogolo jang ka e na le tshiamelo ya maduo a maleka ka mafelo a beke.

Phenyo e ya bone e dira gore Motlakase e tsene mo motshamekong o o tlang e le mo kgatelelong ya go bona nno pele, mme e bile gape e batla phenyo ka matlho a mahibidu, le gone go tlhomamisa fa Santos e sa bone nno ka gope mo letsatsing leo.

Ditlhopha tse pedi tse, Santos le Motlakase, di itsanye thata, ka tsotlhe di setse di kile tsa tshameka mo liking e kgolwane ya BTC, mme e rile go fologela kwa go ya Debswana, ya ne e kete di teilwe ga twe, e re go wela kwa tlase le ele ruri, ka di setse di na le palonyana di ka balwa di ntse di  pitika mo leroleng la liki e.

Sengwe se gape Motlakse e tshwanetseng go lwa le sone thata, ke go tlhomamisa gore e thibela setlhopha sa borwa go tsena mo BTC, ka jaanong kgaolo ya borwa e tlaa bo e tsenya ditlhopha tse pedi ngwaga le ngwaga.