Naledi

Lefatshe le komeditse Domi

Katse
 
Katse

Se, se tla jaana morago ga gore mo ipapatsong ya diphathi tsa sepolotiki, bogolosegolo tsa kganetso, go senoge thata fa maitsetsepelo a tsone e le tharabololo ya go tlhoka lefatshe kwa Tlokweng.

Mabutswapele a diphathi tsa kganetso, ka fa tlase ga moono wa sekhukhu (UDC), a ne a fapaanela segoagoe, ba toula le go balolola mekwalo ya ka fa lefatshe la Batlokwa le ka tswang le ngathoganywe ka teng ka dingwaga tsa lefatshe leno le tloga le ipusa le morago ga foo.

Bangwe ba bone, jaaka Mopalamete wa pele wa Gaborone West, Robert Molefabangwe, ba upolola mokowa wa mekwalo e e sedimosang ka fa lefatshe la Batlokwa le rekisitsweng ka teng dingwaga tsele.

Ba kganetso ba bile ba gomotsa Batlokwa mo selelong sa bone sa lefatshe, ka go senola fa bagolo bangwe, ba lefatshe leno, ba nnile le seabe mo go ketlolweng thata ga lefatshe la Batlokwa maloba le gompieno, mme lengwe la felela le amulwe ke Batswakwa.

Selelo se sa go tlhoka lefatshe ga Batlokwa, le go lebegang le jelwe ke bahumi le babusi bangwe ba lefatshe leno, se tswa kgakala se ntse se tsena ka ditsebe tsa Batswana le bagolo ba phathi ya Domkrag (BDP).

Fela ka madimabe, ga se ka ga bonala ope a leka go tswa ka tharabololo, bogolo jang jaaka batswakwa bangwe ba ne ba ntse ba tsweletse ka go abelwa ditsha fela tse di tona, le mororo beng ba lefatshe leo, e leng Batlokwa, bone go se na kwa ba bewang ditsha teng.

Morago ga go tlhokafala ga mopalamente wa pele wa Tlokweng, Same Bathobakae, diphathi tsotlhe tsa sepolotiki di ne tsa bona sebaka sa go ipapatsa gore di tle di bone sebaka sa go ntsha ntlhopheng yo o ka nnang moemedi kwa palamenteng.

Ke gone e rileng mo ipapatsong ya bontlhopheng, e bong Elijah Fashion Katse wa BDP, Masego Kenneth Segokgo wa sekhukhu(UDC) le Sherley Segokgo a ikemetse, lefatshe la nna konokono ya ipapatso.Ntlhopheng wa UDC, Masego Segokgo, ya nna ene wa ntlha go bolelela Batlokwa fa a tsile go kopa tlhopho ya bone go mo romela kwa palamenteng go ya go ba buelelela. A re mahutsana magolo a gagwe ke go bona batswakwa ba bahumi le bagolo ba Domi ba ne ba phamola lefatshe la Batlokwa mo go bone, ba ba tlogela ka sephatlonyana fela se e seng sa sepe.

O ne a bua jaana a tlhalosa gore ga go na ope yo o ka tswang kwa BDP a tla go bolelela Batlokwa gore o ka thusa ka kgang ya lefatshe, a gatelela gore, tota lefatshe la Batlokwa, le utswilwe ke MaDomkrag le ditsala tsa bone.

Kgang e, e ne ya bonala sentle gore ga e tseye Batlokwa sentle, mme ba dumela gore gotlhelele Domkrag ga e a ba direla sentle, ka e ba tlogetse ba iphotlhere, batswakwa ba ile ka lefatshe la bone.

Elijah Katse e ne a lwa le go tlhalosetsa Batlokwa gore o ya go dira eng ka kgang e ya lefatshe. Fela se, sa bonala se le bokete thata ka Batlokwa ba dumela gore ba amogilwe lefatshe ke BDP yotlhe le ene Katse a le mo teng.

Ka letsatsi la ditlhopho, dipina tsa bo di ile godimo go tswa Goora Sekhukhu, bagolo le bana ba Setlokwa ba bolela gore, fa ba ise ba busediwe lefatshe la bone, ga go na jaaka ba ka tlhopha Domi.  Ke sone se e rileng fa maduo a tswa, ga bo go papametse fela gore, poo e e tlhabileng e nngwe, ga se e e lonaka lohibidu, go supa sentle fa ba sekhukhu ba dumela gore poo e dikwa ka mogokitla.

Motsamaisa dipuisanyo tsa palamente wa pele, e bile a kile a nna tona, Dr Margaret Nasha, a re ga go na selo se se botlhoko jaaka go nna mmogedi mo thoteng ya ga eno. A re Batlokwa ba fetotswe batlhoki ba lefatshe, le ntswa ba na le lone, mme jaanong, le le mo diatleng tsa batho ba sele fela. A re go botlhokwa thata gore phathi ya Domi, ka e le yone e dirileng gore go nne jaana, e leke ka bojotlhe go baakanya seemo  se, e seng go bua dipuo fela tse di se nang boammaaruri, le ntswa Batlokwa bone ba lela botlhoko jaana.

Lebutswapele le lengwe la polotiki, Pono Moatlhodi, a re go utlwisa botlhoko go bona Batlokwa ba amogilwe lefatshe fela ka boferefere ke puso ya Domkrag. A tswelela a re, ba tshwana fela le baagi ba Oodi kwa Kgatleng, ba le bone ba tseetsweng lefatshe ke babusi le ditsala tsa bone.

A re, a Batlokwa ba leke go ema ka dinao ba tlhwaafalele go batla lefatshe la bone le le tshotsweng fela ke setlhotshwana sa banna bangwe.