Blogs

A re bue ka 'go tshwara...'

E re seemo se le maswe, go le thata, a re, ga e ne e a komakoma. Go utlwa a bua jaana, bangwe  ba bo ba ka latlhega, ba tsaya gore, o raya go komakoma pula. Nnyaa, a sa bue ka pula, a bua ka selo se sele fela. E re pula e ne e ntse e na, jaanong e eme, e kgaoditse, Motswana a re, e gagamaditse.

Bangwe ba bo ba ka nna ba latlhega, ba tseela gore, jaanong ke gone tota e tlhoafetseng e na. Mme tota yone e fetile, e sa tlhole e na. Go tila go tsietsega fa  Motswana a bua, a gompieno re bue ka lenatetshapuo le le reng ‘go tshwara…’

Motswana o a tle a re go na le go tshwara kgomo ka mabele. Ga twe nako nngwe, batsadi ba tswa masimo ba ya gae, ba raya monna mongwe a bidiwa Mokotedi, ba re a sale a tshwarela bana dikgomo ka mabele. A bo a utlwile Mokotedi. Ga twe, e re moso le moso, a bitse bana ba ye kwa sakeng. Koo a fete a tshware e kgomo ka mabele, a e tlogele, a tshwara ele, a ye le tsone tsotlhe fela jalo.. Nnyaa, ya nna tiro ya tsatsi le letsatsi. 

Morago ga malatsi, batsadi ba boela masimo mme ba fitlhela bana ba manne ke tlala. Fa ba botsa Mokotedi gore ke eng a ntse a sa gamele bana, a araba ka gore, go ne ga twe a tshwarele bana dikgomo ka mabele, mme o ntse a dira jalo. Batho ba a tlhoka a le tlhaeng. Tota bone, go tshwara dikgomo ka mabele, ba ne ba natefisa puo, ba raya gore, Mokotedi a sale a gamela bana. Mokotedi ene a e tseela go sele.

Go tshwara mo gongwe, ke ga go tshwara motho ka lebogo la molema. Fa Motswana a re motho o tshwerwe ka lebogo la moema, o raya gore, motho yoo, ga a tsewe sentle, ga a direlwe sentle, jaaka ba bangwe ba direlwa. A re re Kgaboeledi o na le bana ba le bararo, e leng Kganano, Bodirelo, le Thetelo. Ka nako tsotlhe fa go jewa, Kganano o tshwanetse go nna ene wa ntlha go fiwa dijo. Le fa dijo e se tsa sepe, ene o tshwanetse go ja. Bale le fa ba ka tlhaelwa, ba tlaa bona gore ba dira jang.

Godimo ga moo, fa bana ba rongwa, go bidiwa Bodirelo le Thetelo ke bone ba rongwe, yole ene nnyaa. Go sale foo, a sengwe se senyege mo lwapeng. Go re go sentse mang, go tlaa bodiwa bodirelo le Thetelo; yole ene a nne a lebalwe. Fa go ka fitlhewa go sentse mongwe wa ba babedi bale, molelo o a peperetla. Jaanong, a go senye Kganano, foo mpa e bipiwa ka mabele. Ka sekai se, re bona Kganano a sa tsewe jaaka bana ba bangwe ba tsewa kana ba tshwarwa. Ene o a seketlediwa, bale bone go seketlediwa moo ga ba go bone gope. Fa go ntse jaana, Setswana se re, Kganano o tshwerwe sentle, Bodirelo le Thetelo bone ba tshwerwe ka lebogo la molema.

A nne a tswelele Motswana a re, go na le go tshwara legaba, a raya go ja. Gantsi lefoko le, le dirisiwa fa dijo e se tsa sepe, ke gore, di le dinnye. A re re mosimane Phurere o tsena fa ga Morwadi a itela tlala. Ka go setse go jelwe, go feditswe, Morwadi o mo nathela bogobe jo bo neng bo beetswe ngwana. Phurere o a atlarela, o a leboga, a re, ‘Gone mme ke tlaa tshwara legaba.’ Go bua jaana, Phurere o raya gore, le fa go le gonnye, gone o tlaa bo a jele. Fa e le seane re re, ‘Sejo sennye, ga se fete molomo.’

Lenatetshapuo le, gape le ka dirisiwa e le potso. E ne e ka re Phurere a tsena fa ga Morwadi a re, ‘A ga go na sepe sa go tshwara legaba mma? Jalo, o ne a tlaa bo a raya gore, a ga go na sepe se se ka jewang; a bua jaana ka o tshwere ke tlala. Fa dijo di le teng, a fiwe jaaka re bona; fa di se yo, go twe, ga go na sepe.A nne a tswelele Motswana a re, go na le go tshwara motho ka pelo. Nako ele, re ne ra bona Tshetsana a adima madi mo go Nthepha. Ga felela madi a sa duelwe, mme e bile Tshetsana a se mafoko a monate mo go Nthepha. E re Nthepa a botsa ka madi ao, Tshetsana a re, a mo fologe, a se mo eme godimo jaaka loso. Nthepha a felela a itlhoboga.

Nako nngwe, la tla letsatsi la gore Tshetsana a boele kwa go Nthepha gape, a ya go adima madi. A le supa le le fa, mosetsana wa Ratholo. Tshetsana a boela gae pelo e sudile, a ipolelela gore, Nthepha ga a a mo tsaya sentle. Ya nna kgang e Tshetsana a sa e lebaleng, nako le nako a ikana gore, letsatsi  lengwe, le ene o tla itirela Nthepha jaaka Nthepha a mo dirile. Ka mo go  Tshetsana kgang e, e botlhoko thata, ga a e lebale, e bile o batla go ipusolosetsa, Motswana a re, Tshetsana o tshwere (tshotse) Nthepha ka pelo. A dire jalo Motswana fa a batla go natetsha puo, a e bapise, a se ke a e tlhamalatse, mme bangwe e ba latlhe.

motshwanes@yahoo.com.