Naledi

E kae Green Scorpion?

Gantsi fa leswe le leng teng, go tlala dintsi. Dintsi tse, di je se di se jang foo kgotsa di tseye, fa e le gore di tsaya sengwe, mme di tloge di ye go tlala ka matlo a rona, di tlatse leswe foo kana di kotame dijo. Nako nngwe, di tlogele malwetse foo. Morago batho ba lwale malwetse a gongwe ba ka bong ba sa a lwala fa e ne e se go nna gaufi le leswe. Go thibela malwetse, le go somarela tikologo, ga twe, a re se nne le matlakala; a re a ole, re a latlhe.

Molao o eletsa gore lelwapa lengwe le lengwe, le one madirelo tota, le nne le tanka ya matlakala. E re tanka e, e tletse, mong wa yone a e tseye, a ye go e tshololela kwa lehuting la matlakala. Kgotsa fa a dirile thulaganyo le khansele, koloi  ya khansele e tle go rwala leswe leo, e ye go tshela kwa lehuting la matlakala.

Jaanong, etela motse mongwe fela mono Botswana. Fa o tsena koo, golo gongwe o tlaa kopana le molaetsa o o reng, se gasagase matlakala. Mo, e le go re gakolola fela gore, a matlakala a se latlhelwe gongwe le gongwe; a a latlhelwe kwa go tshwanetseng. Fela se, ga se direge. Fa re ntse re tsamaya mo, re bona matlakala a latlhetswe gongwe le gongwe; mangwe mo dipatlelong, mangwe mo melatswaneng e e fa gare ga motse.

A mangwe a phuthwe a bewe fa thoko ga tsela gore, jaaka e le thulaganyo, khansele e tle go a tsaya, go ya go a latlha. Go se ke go nne jalo. A nne foo a ba a tle a gasagasiwa ke dilo. Mangwe a tsewe ke phefo, a gasame mo, go nne leswe gongwe le gongwe.

E re re bona go ntse jaana, re hakgamale, re ipotse gore, e kae Green Scorpion, e go neng ga twe, e tlaa netefatsa gore matlakala ga a latlhelwe gongwe le gongwe. Go twe, fa e ka bona motho a latlhela matlakala fa e seng gone, e tlaa mo tseela dikgato. Ke ao matlakala a tletsetletse naga. E kae Green Scorpion?