Naledi

Dijwalo ga di fatlhoge

E ne ya re go bona pula e le ntsi jalo, ra solofela gore balemi ba tlaa dika ba lemile mme ba fole; ke gore, ba bone thobo e ntsi thata. Fela go lebega go tlaa se ke go nne jalo, ka gore, le fa e ne e le ntsi jaana, ka ntlha e nngwe, pula e, e ne ya kgoreletsa balemi thata.

Sengwe sa dilo tse di neng tsa direga ke gore, pula e, e ne ya nna ntsi thata mo e leng gore, batho bangwe ba ne ba se ka ba kgona go lema, ka masimo a bone a ne a fetoga megobe le dinoka, a tlala metsi thata.

Ba ka jwala jang, ba lema jang, masimo a tletse metsi? Morago ga foo, ga utlwala gore, bangwe ba ba neng ba lemile, ba tlhasetswe ke seboko sa segopa (army worm) Ga twe seboko se, se ja lotlhaka lwa mmidi go lo bolaela ruri.

Godimo ga tse, gompieno re kopana le pego nngwe e e duleng ka kgwedi ele ya Moranang, e supa gore, kwa Ngwaketse Bophirima le gone go lelwa ka pula ya ngwaga ono. Go ya ka pego, go bonala fa balemi ba masimo a Machana, kwa Ngwaketse Bopirima, ba tlaa ba belaela fa ba tlaa dika ba boile kwa masimo ba iphotlhere, ba sa roba sepe.Ga twe molemi mongwe koo a re, le fa masimo a bone a le monate ka ke motlhabana,  a ne a tlala metsi thata ka nako ya pula eo. Metsi a, a babalela dijwalo tsa sika loo thotse thata mme tsa huba tsa ba tsa a swa.

Go sale foo, ga twe, pula e ne ya kopana le dijwalo di lekanye go tlhagolwa mme ka e ne e na tsatsi le letsatsi, balemi ba se ka ba bona nako ya go tlhagola. Mo go raya gore, ka go ne go sa tlhagolwe, dijwalo dingwe tsa jewa ke mhero. Go ntse go ntse jalo, go bolelwa fa diji le tsone di ne tsa tlhasela. Ga twe go ne ga tla kgaka, ga tla phuti, sepepe le ntlole kgotsa matlolane jaaka bangwe ba bitsa. Tse le tsone tsa itirela ga tsone mme bogolo thata di senya bosigo. A mme mongwe o ka lala a leta tshimo bosigo botlhe?

Fa e bega ka fa molemi yole a neng a lekodisa BOPA ka teng, Dikgang (Daily News Tuesday April 25 2017) ya re;

‘…..o tlhalositse gape fa dipula tse di gosomane ka nako ya dijalo di ne di fatlhoga…..’

Mafoko a, ke bontlha bongwe fela jwa temana e e buang ka fa pula e neng ya kgoreletsa balemi ka teng. Se temana yotlhe e se buang ke gore, pula e ne ya na ka nako e dijwalo di neng di tshwanetse go tlhagolelwa ka yone. Mme ka e ne e na ka malatsi otlhe, balemi ba se ka ba kgona go tlhagola le go dira ditiro tse dingwe sentle.

Fa godimo fale, re bona lefoko ‘fatlhoga.’  Ga twe pula e ne ya na, (gosomana) ka nako ya dijwalo di fatlhoga. Kgang ya rona gompieno ke lefoko ‘fatlhoga.’ Potso ke gore, a Setswana se bua jalo, se re, dijwalo di a fatlhoga? Mmualebe a re, nnyaa, Setswana ga se re dijwalo di a fatlhoga.  Peo e a jwalwa, go lengwe, e katelwe ke mmu. Peo e, e nne ka fa tlase ga mmu e sa ntse e mela. Morago ga malatsi, e bonale fa godimo ga mmu mme go twe e a tswa kana e a tlhaba.  Malatsi a nne a fete mme peo le yone e nne e gole, e katoge mmu. Ka nako e, ga e sa tlhole e le peo jaanong ke dijwalo. Fa dijwalo di ntse di tla di tlhatloga jaana, go twe di a gola, e seng di a fatlhoga. Potso e tlaa nna gore, go fatlhoga gone ke eng?

Go araba potso e, a re utlwe pele gore Thanodi ya Setswana e tlhalosa lefoko le jang. Thanodi ya re go fatlhoga ke, go tlhalefa, go gola ga tlhaloganyo. Fa re lebile tlhaloso e, a jaanong re ka re go tlhamaletse gore, re re, dijwalo di a fatlhoga? A go ka twe dijwalo di a tlhalefa, di gola tlhaloganyo?

Nnyaa, go bua jalo re tlaa bo re latlhega, re bile re latlha Setswana. Ngwana kgotsa motho ke ene go tweng o a fatlhoga ka gore ngwana o tsholwa a sa itse dilo tse dintsi tsa botshelo. E re a ntse a gola, ke gone a itse sele le sele, a lemoge kwa botshelo bo yang teng. Tlhaloganyo e tiye mme ke gone go twe o a fatlhoga. Dijwalo tsone, nnyaa, ga di fatlhoge, di a gola. Ngwana (motho) ke ene go tweng o a fatlhoga, go rewa gore, o a gola, o a tlhalefa, o tiya tlhaloganyo, lefifi lele, le a apoga.