Naledi

Maburu a kile a tlhasela

PIC: ZOLANI KRAAI
 
PIC: ZOLANI KRAAI

Se ya bo e le ditiragalo tsa nako e masole a Aferika Borwa a mmuso wa maloba wa tlhaolele, a neng a tlhasela mebila le matlo mangwe mo toropong kgolo ya Gaborone. Kgaolwana ya Mogoditshane le kwa Ext 10, Bontleng, le Ginger, tsa nna dingwe tsa tse di neng tsa amiwa ke ditlhaselo tseo.

Ya re moso wa letsatsi leo, ga utlwala digoagoe tsa dikoloi tsa mapodisi le tsa thuso ya potlako, ntlheng ya mafelo ao. Seromamowa sa Botswana sa ntsha dipego ka se. Ga nna le thitibalo e kgolo fa go utlwala fa bangwe ba ne ba tlhokafala mo ditlhaselong tseo. Bangwe e le Batswana fa bangwe e ne ele batswakwa go tswa Aferika Borwa. Go ne ga tlhomamisiwa fa bontsi jwa batswakwa, e ne e le batshabi ba lekgotla le le neng le lwela kgololesego mo tlhaoleleng la African national congress (ANC).

Go setse go fetile dingwaga di le masome a mararo le bobedi morago ga itiragalo tse, mme jaanong latedisa ditlamorago tsa seo le go buisana le bao ba baneng ba amana le tiragalo eo, kana le ba masika a baswi.

Mme Kenosi Tladi yo o tlholegang kwa Mochudi, o tlhalosa fa ka nako eo, a ne ale moithuti kwa Lentswe le Moriti, mme moragonyana a ne a fudugele mo Gaborone. A re go gorogeng, o ne a itsane le mongwe wa batshabi go tswa Aferika Borwa eleng Cedric Ntloane Bapela, yo aneng a tlholega kwa kgaolong ya Limpopo, mo motseng wa Masimola.

“Ke amilwe ke ditiragalo tse ka gore ke ne ke ratana le mongwe wa batshabi eleng Cedric. Ke ene a mpoleletseng ka gore go diregile jang ka 1985, dikgwedinyana pele ga ke ratana le ene,” a rialo Kenosi.

O tlhalosa fa a amiwa ke kgang e ka gore o ne a felela a nna le Cedric mo nngweng ya matlo a aneng a tlhoilwe leitlho ke mmuso wa Aferika Borwa. Ntlo e ke ya nomore 2325 kwa Bontleng. A re ka nako ya fa ditlhaselo di digalala, Cedric o ne a tlhalosa fa bane ba nna bale mokawana mo ntlong eo, mme ya re letsatsi fela pele ga ditlhaselo, a bolelela batshabi ka ene go re o letse a lorile toro e e bosula, e na le bokao kwa matlhotlhapelo a a tla diragalalang.

“Cedric a re o ne a bolela bakaulwengwe ba gagwe gore ka jone bosigo joo, pele ga ditlhaselo, ba seka ba robala mo ntlong eo, mme ba dumalana go ya go iphatlha go sele,” mme Tladi a bua jalo. 

Kenosi a re Cedric o ne a mmolelela gore, ba tsile mo Botswana ba tshaba go tshwarwa ke maburu mme ba kgona go bona boroko mo mafelong a a afrologang mo Gaborone le tikologo.

“Cedric o ne a nna mo ntlong e lo mphitlhelang mo go yone e, a nna le ditsala tsa gagwe tsa batshabi. A re ba ne ba nna ba tlhoile tsebe le fa Batswana bangwe mo tikologong ya Bontleng, ba ne ba a tle ba ba tlhabe podi matseba fa ba belaela sengwe,” Tladi a rialo.

A re, Cedric o ne a mmolelela fa ka Labotlhano makuku a moso ditlhaselo, nako e ka nna ya bongwe, masole a maburu a Aferika Borwa, a ne tlola molelwane ntlheng ya Tlokweng, e seng kwa kgorong ya molelwane, Kenosi a re Cedric o boletse fa maburu ba gorogile mo Gaborone ba tlhomagane ka dikoloi dile lesome le bobedi, tsa modiro wa Datsun E20 le tse thataro tsa modiro wa Ford Cortina. A re gone ga utlwala morago fa masole a mangwe a maburu a ne a ipapanne sentle ka dikanono kwa molelwaneng wa Afrika Borwa le Botswana, ka fa ntlheng ya Aferika Borwa, ba emetse gore fa ba ga bone ba ka seke ba atlege mo ditlhaselong, kana ba ka tshogana ba tlhasetswe ke ba sesole sa Botswana, ba bo ba ka bolotsa ntwa.

Mabapi le go falola ka tshoba la mogodu, Kenosi o bolela fa Cedric bane ba ya go iphatlha go sele mme maburu ba fitlhela ba seo kwa plot 2325.

“Ka tshedimosetso ya Cedric mo torong, tota le thata ya modimo, maburu bane ba goroga kwa ntlong ya nomore 2325 mme ba fitlhela ba seo. A re masole ao, go ne ga lemosega fa bane ba tsena mo ntlong ka mabati a ne a supa bokao jwa go bulwa ka go kgotholwa le tlhakatlhakano ya dilwana,” Kenosi a tlhalosa jalo gore, maburu a ne a tsamaela kwa nlong e nngwe gaufi le ya 2325, e le yone eneng e nna batshabi, mme ba feta ba thuntsha teng.

Ntlu eo, ke ya boraro go ya bokone go tswa kwa go ya 2325, mme ba feta ba tlhasela ka ditlhobolo le dibomo. Go lemosegile fa maburu ba ne ba belaela gore Cedric le bakaulwengwe ba gagwe ba ka tswa ba tshabetse teng.

Ka jalo Batswana bangwe bane ba nna batswa setlhabelo ka go phatlakanngwa ke bomo,” go bua jalo Kenosi.

Kenosi a re Cedric o ne a tswelela a mo kgothatsa go nna moko o thata le go amogela botshelo jo a bo tshelang. A re morago ga gore Cedric a mmoelele ka ditiragalo tseo, o ne a seka a kgaoga pelo mo go kalo, mme a amogela Cedric ka diatla tsoo pedi mme banna mmogo ka tshosologo le tshepho ya modimo gore o tla ba sireletsa.

Kenosi le Cedric ba nyalane ka 2002 go fitlhela mme ya re ka ngwaga wa 2008, fa Cedric a ne a tsogologelwa ke bolwetse jwa tlhogo e e opetseng ruri mme a tlhokafala.

Mo go tse di bonolo dikgang, Kenosi a re o simolotse go itse Cedric ka nako e a nenga itlhapolola maoto mo tikologong ya Bontleng. A re o ne a kopana le borre bale segopana mongwe wa bone ele Cedric, ke fa ba mo dumedisana. A re yare ba tshwanetse g fapaana, Cedric a bolelela bo mmata ba bagwe gore, ke ene mosadi wa gagwe, a raya Kenosi, mme ba kgaogana go tswelela ka mesepele ya bone.

“Morago ga moo, o ne a nkopa go re ke mo itele letsatsi lengwe kwa ga gagwe, ko ntlong ya nomore ya 2325. Go ntsere malatsi go dira jalo mme nako nngwe ka ikgata pelo ka mo etela. Go gorogeng game, ya bo ekare re tswa kgakala re itsane, mme lorato la rona la tuka go ne foo, ke ka moo keneng ka tswelela ke tshela le mogaka o,” Kenosi a ralo ka go itsheka keledi.