Naledi

BoKgabo le ipeleditse Matsetse ka bomo

Se mme e le ka mabaka fela a banna le basadi bangwe ba ba tletseng tshenyo mo dipelong tsa bone, se go lebegang se boetse gape mo setlhopha se tshwaraganeng le bothata bo se kana ka sepe.

Barati le balatedi ba setlhopha se, ba setse fela ba lebile ka matlho go bona jaaka batho bangwe ba Bakgatla kwa Mochudi ba boloditse letsoholo le le mashetla la go tshwenya le go kgoreletsa bangwe ba ba ntseng ba thusa setlhopha sa ka sengwe le sengwe, go akaretsa le one madi tota.Go ne ga utlwisa botlhoko thata go bona fela batho ba ba ikana ba bo ba itoma sekgono gore ba tsile go lwa ka gotlhe go tsaya setlhopha se mo bathong ba ba ntseng ba se thusa ka ba re ke setlhopha sa balatedi.

Tlhakatlhakano e ya bone, e ya felela ka go ithola marapo ga mogwebi ebile e ne e le mmeeletsi le morotloetsi wa setlhopha se, Jamail Sayed, ka a ne a bona gore ene o ka se kgone go bereka le setlhopha se bangwe ba lelang ka gore ke sa bone. Rre Jamal o ne a thusa setlhopha se ka dilo di le dintsi thata, go tloga fela ka madi a dituelo tsa batshameki , a go tsamaisa setlhopha, boroko, lebala le yone ipapatso mo seromaweng sa gagwe sa Duma.

Go nna gagwe mo setlhopheng se, go ne ga dira gore se lebege se na le seemo se se rileng, fa se tshwantshanngwa le ditlopha tse dingwe, ngwaga fela e ise e fete, kef a go tlhagoga mewa mengwe e e maswe mo balateding ba Bakgatla. Mabaka a a neng a tswa mo go bone e le gore Jamal o batla go tsaya setlhopha sa bone, dikgang fela tse Tlhowa e dumelang fa di se na mosola ope, ebile e le tsa tshenyo ka di feletse di koba Jamal ka dithoto le dithuso tsotlhe tsa gagwe.

Ka Jamal a ne a ntse a bereka le bangwe go tsamaisa le go thusa Magosi, jaaka Enerst Molome, erile go tsamaya gagwe, Molome a sala a ntse a tsweletse le go thusa setlhopha fela jaaka a ne a ntse a dira dingwaga di le dintsi pele ga go tla gag a Jamal. Le fa go ne go lebega go le thata Molome o ne a dira gore seemo se seka sa lebega jaaka leuba le le ntseng le apere lefatshe la Boswana, ka a ne a tswelela ka go thusa ka dituelo tsa batshameki le go pega setlhopha go ya metshamekong.

Tlhowa ya swaba thata go utlwa fa jaanong lekoko le le la go lwantsha barotloetsi, le ntse le oketsega go tlhasela Molome jaanong, le ene a bolelelwa dipuo fela tse di botlhoko tsa letlhoo le tshotlo fela jaaka go ne go dirwa ka Jamal.  Molome wa Modimo a re ke a itshoka ka ntlha ya lorato la gagwe mo setlhopheng sa Magosi, nnyaa tlhe BoKgabo ba mo sukura go fitlhela a ikgogela morago mme a tlogela Magosi a totomela mo seretseng sa letlhoko la madi. Se Tlhowa e batla go lenmotsha BoKgabo gore nnyaa tlhe ga go dirwe jalo, bogolo jang ka ba bona gore fa e le ba longwe ke matsetse le dinta ke bone ba a ipileditseng ka bomo. Tlhowa e eletsa go kopa gore a botlhe ba ba dirang jalo ban ne fatshe ba ipotse gore a mme gone ba direla barati le balatedi ba Magosi sentle, bogolo jang fa go nna jaana.