Naledi

Motlhoki o lelela ntlo

 

Le yone puso e bo ne go le botlhokwa gore e tsenye mananeo a bopelotlhomogi bo ditirelong tsa yone. Lengwe la maneneo ao, ke la khansele la Kgalagadi Bokone la go agela ba ba kobo dikhutshwane matlo. Khansele eo, e agetse Mme Margret Moilwa wa Lehututu ntlo ya dikamore tse pedi.

Le fa go ntse jalo, Moilwa a re lenaneo leo ga le tsamaisiwe sentle mo motseng wa bone. O supa ka monwana lephata la boipelego, ka raboipelego yo a netsweng marapo go sekaseka ba ba ka agelwang ka lenaneo leo.

O tlhalosetse gore o ne a solofeditswe go agelwa ntlo ya dikamore tse thataro ka gore o na le bana ba le bosupa le ditlogolwana di le nne. A re ba nna mo ntlong ya setswana, mme o itshedisa ka go bereka Ipelegeng le dijo tse ba di fiwang ke khansele.

Mme Moilwa a re o gakgamaditswe ke go bona fa go setse go agiwa, moalo e setse ese o ne mme a agelwa ntlo ya dikamore tse pedi fela, mme ebile di le dinnye. A re lebaka legolo ke gore rraboipelego wa Lehututu, Rre Oscar Makgetho o kgaotse palo ya bana ba gagwe fa a dira ditsekatseko.

“Ke ene a tlhakatlhakantseng kgang ya ntlo yame. Ke batla ntlo e nngwe ya dikamore tse pedi gore, bongwanake ba robale sentle”ga tlhalosa Mme Moilwa. Mokhanselara wa Lehututu, Mme Judith Matebu o tlhalositse gore Moilwa o ne a tla ko go ene ka kgang ya gagwe, mme a mo tlhalosetsa go re Khansele Potlana ya Hukuntsi, e tsere tshwetso go re batlhoki botlhe mo kgaolong ba agelwe matlo a dikamore tse pedi. A re khansele e fitlheletse tshwetso eo e sena go lemoga go re batlhoki ba bantsi mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, mme madi a tlhaela.

Mme Matebu a re, mo kabong ya madi a ditlhabololo a ngwaga oo fitileng, batlhoki ba le bane go balelwa Moilwa mo teng, ba agetswe matlo a dikamore tse pedi. O tlhalositse go re ga se gore Moilwa o a kgethololwa.

 E rile a ntsha la gagwe, raboipelego wa Lehututu , Rre Oscar  Makgetho a re dikgang tsa ga Mme Moilwa di tlhaela boammaruri. O tlhalositse go re ene o dirile tiro ya gagwe sentle ya go supa fa e le motlhoki ebile a tshwanetse go agelwa. A tlatsa ka go re, o ne a kwadile palo ya bana ba gagwe sentle. A re se se mo gakgamatsang ke gore, ene o itse gore khansele ke yone e tsileng ka kgang ya go agela batlhoki matlo a dikamore tse pedi mme ebile mokhanselara Matebu o tlhatswitse kgang ya teng gole gantsi mo makgotleng fa buisa diphuthego.