Naledi

Lwantshang borukutlhi mo kgaolong � Motlhatlhedi

Motlhatlhedi o boletse se mo diphuthegong tsa kgotla go ralala kgaolwana ya gagwe. A re kgaolo yotlhe ya Kgatleng e tlhorontshiwa thata ke dirukutlhi ka go farologana ga tsone, eleng seo mongwe le mongwe a tshwanetseng go tlhomamisa fa a nna le seabe mo go bo lwantsheng. O boletse gore fa ba sa eme ka dinao mo kgaolong ya gagwe, ba tlaa felela ba phuthile mabogo ka ntlha ya go go utswelwa dithoto mo malwapeng le dikgwebo.

Fela jaaka dikgaolo tse dingwe tsa Kgatleng di tlhorontshiwa ke dirukutlhi, bogolo jang mo malwapeng, Motlhatlhedi a re le kgaolwana ya gagwe e ka fa mosing, eleng seo go leng kaone gore banni ba itebaganye le bone ka mabetwaepelo go bo lwantsha ka dinako tsotlhe.

O tsweletse a bolelela batlhophi gore ka sedikwa ntsa pedi se se thata, le one mabogo dinku a thebana, tshwaragano ya bone e ka fenya le go nyeletsa borukutlhi mo kgaolwaneng e, gammogo le mo Kgatleng ka bophara.

A gatelela gore go utlwisa botlhoko go bona baagi ba nna ka selelo se se botlhoko sa go utswelwa dithoto tse ba di bereketseng ka thata ke magotswana fela a one a sa ikaelelang go bereka mme ba ikaeletse fela bosinyi.

O ne a bolela gore borukutlhi bo bo tshwenya thata le sepodise sa Kgatleng, a kopa gore a go tshwaraganwe le sone go bo lwantsha, a re a go tsenwe mo dikomiting tsotlhe tse di itebagantseng le go twantsho borukutlhi. A tlhalosa fa dikomiti tse maikaelelo a tsone e le go thusa mo go lwantsheng bosinyi jwa letsatsi le letsatsi.

Mabapi le tse dingwe dikgang tsa kgaolwana e, Motlhatlhedi o ne a bolelela batsena phuthego fa go na le mananeo a nyeletso lehuma a puso, mme a re go inaakanngwe le one ka a thusa batlhoka tiro go inamola lehuma le tlala.

A re banana ba tshwanetse go tlhomamisa fa ema ka dinao go tsena mo mananeong otlhe a a tlhametsweng go ba thusa, bogolo jang a go simolola dikgwebo tse di ka thusang go tlhama ditiro le go thusa go tlhabolola kgaolwana e ya bone.

Motlhatlhedi o ne a tswelela a ba kopa gore ba tlhomamise gore ga ba amane gope le sepe se se ka ba tsenyang mo mathateng, bogolo jang borukutlhi le bogodu, ka a re tse di ka felela di ba tsenya mo mathateng le go ba senyetsa matshelo.

Baagi erile ba tswa mokhanselara wa bone kgaba, ba bolela fa ba mo leboga thata go bo a nna a lekodisana le bone ka tsotlhe tse di amang kgaolwana ya bone, ba bolela fa e le boammaaruri ba sa itumelele go tlhorontshiwa ke dirukutlhi tse di ba utswelang dithoto le go baka dikgobalo. 

Ba ne ba solofetsa mokhanselara fa ba tla a tswelela ka go lwantsha borukutlhi, le gone go inaakanya le mananeo otlhe a a ka thusang go tlhabolola matshelo a bone le kgaolwana e ya bone.