Naledi

Maitiso a gobaditse Domi

Charma Gal PIC: KENNEDY RAMOKONE
 
Charma Gal PIC: KENNEDY RAMOKONE

Fela se, go bonala gantsi se se na maduo ape morago ga ditlhopho jaaka go diragetse kwa Tlokweng ka Matlhatso.

Batlokwa le banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tlokweng, ba ntse ba a ja le go akola monate wa maitiso a Domi, a a neng a tsisa diopedi jaaka Odirile Vee Sento, Tebogo Tebbie Sethomo, Captain Dira le Magdeline Charm-gal Lesolebe.

Maitiso a, a setse a na le sebakanyana a ntse a tshwarwa mo Tlokweng kwa mafelong a go neng go tshwarwa diphuthego tsa phatlalatsa teng, a bo a fetela kwa diholong tsa dikole le tsa motse ka go farologana.

Ka diopedi tse e le bommamoratwa go ralala lefatshe lotlhe la Botswana, go akaretsa le Batlokwa le banni botlhe ba koo, bontsi jwa barati le balatedi ba bone, ba ne ba nna fela ba ile ka dipalo tse dintsi go ya go itlosa bodutu teng.

Dipalo tse dintsi tse, tsa batsena maitiso, di ne tsa tsietsa bangwe thata, bogolo jang MaDomi, ba ba neng ba dumela gore go supa fa Domi e tlaa tsamaya motlhofo fela e sa sokodisiwe ke ope.

Go gotetsa maitiso le go tsholetsa ditsholofelo tsa batlhophi, Domi e ne ya boa gape ka Labotlhano ya tsweledisa maitiso a yone, e bile e le a bofelo, letsatsi pele ga ditlhopho tsa Matlhatso. Jaaka gale, Batlokwa ba tla go bona bagaka ba bone ba mmino le kopelo, bogolo jang Vee Mampeezy, Tebbie, Captain Dira le mosadi wa sekuta, yo o yang Mmokolodi gompieno.

E rile fa maitiso a wela, batlhophi ba simolola go leba kwa matlhophelong ka go farologana ga one, go ya go dirafatsa tshwanelo ya bone ya go itlhophela morongwa yo ba mo ratileng.

Mela ya bo e le e meleele thata, jaanong tsele tsa maitiso a bo, ‘I do,’ ‘Ke ya Mmokolodi,’ ba di lebetse gotlhelele. Go bona gore a mme maitiso a, a borasekanta le bommasekanta a na le maduo mangwe a a botoka, karabo ya tlhamalala fa maduo a ditlhopho a tswa ka letsatsi la Sontaga. Bontsi jwa MaDomi, go balelwa le ntlhopheng Elijah Katse, ba ne ba utlwa botlhoko go bona fa ba sentse madi fela ka diopedi tse gotlhelele di sa kgonang ka gope go ba ngokela batlhophi ba ba ka ba thusang go fenya kgaolo e ya Tlokweng.

Se, e se tiragalo ya ntlha mo ditlhophong. Eric Molale, Keletso Rakhudu, Botsalo Ntuane, le bone ba kile ba sala ba utlwile botlhoko morago ga go dirisa madi a mantsi mo maitisong a diopedi tse di turang, mme ba latlhegelwa ke ditlhopho kgatlhanong le ba kganetso ba ba neng ba sa hira ope go ngoka batlhophi.