Naledi

Agelelang masimo thata � Kgosi Ndaba

 

Morago ga selelo sa barui ka ntlha ya go sokodisiwa ke balemi ba ka go ba otlhaela melato ya tshenyo ya loruo lwa bone kgapetsakgapetsa, Naledi e ne ya tabogela kwa motseng wa Matebele go buisanya le kgosi ya motse oo, Kgosi Behuel Ndaba, go utlwa gore kgang e ntse jang.

Kgosi Ndaba o boletse fa a setse a kile a bitsa balemi ba, ba merogo mo nokeng ya Notwane, mme a ba kopa gore ba leke bojotlhe go agelela masimo a bone ka a le mo mafudisong a barui, bogolo jang ba motse wa Matebele, Kgalapitse le Oodi.

Kgosi Ndaba a re balemi ba, ba bontsi e leng batswakwa, ga ba a tshwanela go ikgatholosa gore ba lema fela mo mafudisong a morafe, bogolo jang ka go se na mafudiso le meraka e barui ba ka fodusetsang loruo lwa bone teng.

Ka e le bone jaanong ba bonyeng gore ba ka lema mo mafudisong a, ba tshwanetse go leka ka gotlhe gore loruo, bogolo jang dikgomo, lo se ka   lwa ba senyetsa,ka bone e bile ba lemela go gweba ka yone merogo e. A tswelela a bolelela Naledi gore o swaba thata go bona balemi ba bangwe ba tsweletse ba lema fa go se nang logora lo lo nonofileng teng. 

A re se, se felela se dira gore loruo lo tsene mo masimong a bone go ba senyetsa.

Kgosi o gateletse gore, go fitlha gompieno, ga go ise go nne le kwa Bakgatla ba ka bololetsang loruo lwa bone teng, fa e se fela kwa ntle ga metse, gone kwa nokeng, go fula le go nwa koo. A re ga go bonolo gore, barui ba, ba ka tlhola ba setse dikgomo morago gore di se ka tsa senyetsa balemi ba merogo. Jalo he, a re o tlaa tswelela a kopa balemi ba go fema tshenyo ka go agelela thata fa ba lemang teng, ka se e le sone molemo wa tharabololo ya dintwa fa gare ga balemi le barui.

Go ya ka Kgosi Ndaba,bontsi jwa ditshimo tse, di lemiwa ke bomaipaafela ba MaZimbabwe, ba ba se nang sepe le go bona fa ba sokodisa morafe wa gagwe,mme se, se sa siama gotlhelele ka ba sa tshwanela go dira jalo.

Kgosi Ndaba a re kana tota fa loruo lo senya mo tshimong e e sa agelelwang, go thata gore mong wa lone a lebisiwe molato ka jaanong a tlaa ipata ka gore go lemilwe fela mo lebaleng le go se nang gore loruo lo ka tlhoka go tsena jang.

A re fa go ageletswe go ka nna bonolo gore molemi a lebise morui molato wa tshenyo, go se bothata bope.

Le ene morui a kgone go amogela ka a bona sentle gore loruo lo sutlheletse mo tshimong lwa senya.