Blogs

Re ntse re a tswelela

Ra re, ka ditiro di dintsi, motho o tlaa tshwara e, a e dire, a tloge a ye fa go ele , a tswe foo, a dire e nngwe gape fale. Mme ka gone go tlolaka mo, go twe, motho o tshwara/tshwere kwa le kwa.

Gompieno re tlatsa ka gore, go sale foo, motho o ka tshwara kwa le kwa, tota e se gore tiro e ntsi, e le fela gore, ga a a rulaganya sentle gore, tiro e tlaa dirwa jang.

Go ka nna gore, motho a bo a sa rulaganya gore, tiro e tlaa simololwa jang, kana fa kae, e tswelele jang, e bo e wele jang. Ka gone go tlhoka thulaganyo eo, motho a simolole a dire fa, a tlogele a ye go dira fale, a tswe foo, a ye go dira fa gongwe gape.

E re a dira jaana, go lebege e kete tiro e ntsi, mme tota go sa nna jalo. Ka o dira a ya kwa le kwa, kgotsa o dira sele le sele, ka nako e le nngwefela, go nne go twe motho yoo, o tshwara kwa le kwa. Fa, go tshwara kwa le kwa, go raya gore, motho ga a na thulaganyo ya tlhomamo ya go dira tiro ya gagwe.

Jaanong fa re tswelela, a re re, gompieno re feta Morwadi mme re tsena ka Baleti. Go phirimane, Baleti o fa ntle, o apeile. Fa a ntse a le foo, o utlwa bana kwa tlung ba lela, ‘Ijoo, noga ke eo, noga ke eo.’ Baleti o tswa fa isong, o tabogela kwa tlung, go ya go bona noga eo. Fa a tsena, o a leba, o a batla, mme ga a bone noga gope. Boemong jwa noga, o bona sebokolodi se setona se ipatikile ka lokotswana. Jaanong o lemoga gore, tota ga go na noga, bana ba tshositswe ke sebokolodi. O tsaya lofeelo, o se kgophela kwa ntle. Dijo di a butswa, go a tsholwa, go a jewa, go a robalwa, bana ba wetse dibete.

Letsatsi le le latelang, fa a tlotlela Morwadi ka tiragalo ya bosigo, Baleti a re, ‘ Ke ile kwa tlung ke tshwere mala ka mabedi, ke gopotse ngwana yo monnye gore, ka ga a tsamaye, e tlaa re go siiwa, ene a dire jang.’ 

Ka go tshwara mala ka mabed, Baleti o raya eng? O raya gore, o ne a tshogile thata, a tshositswe ke gore, bana ba bangwe ba ka siya, ba tshaba noga ele, mme yo monnye ene, ga a ka ke a kgona go siya, ka ga a tsamaye. A o tlaa jelwa ke noga foo kgotsa go tlaa direga jang ka ene? Baleti a tlhoka dikarabo.

E re a ntse a tsweletse Motswana a re, go na le go tshwara ka nko. Le lenatetshapuo le dirisiwa thata ke batho ba ba jang kgotsa ba ba gogang motsokwe wa dinko.

A re re, Kgabutlwe o na le Dimenye. Ka toise ya gagwe e thulame, ke gore, ga e na sepe, Kgabutlwe o raya Dimenye a re, ‘A ko o ntshware ka nko foo tlhe rra.’ Dimenye o khurumolola toise, o napela Kgabutlwe; ke gore o mo fa motsokwe, o a mo goisa. Dimenye o dira jaana ka o ne a tlhaloganya gore fa Kgabutlwe a re a mo tshware ka nko, o ne a mo kopa motsokwe; A dira jalo Dimenye, a tshwara Kgabutlwe ka nko, mme a sa e goge kana go e utlwisa botlhoko ka tsela epe fela.

A nne a tswelele Motswana a re, go na le go tshwara mo tseleng. A re re, jaaka gale, Monwedi le ditsala tsa gagwe, ba tlhotse kwa ga Mma Ditshenyegelo.

Fa le setse le ya go phirima, ba bona gore ke nako ya go boela gae. Fa basimane ba bangwe ba ema, ba tswa ka kgoro, Monwedi ene o a sala ka o batla go minolosa thothi ele. Fa bale ba hakgamala, ba mmotsa gore a ga a tsamaye, o ba raya a re, ‘Tsamayang, ke tlaa lo tshwara mo tseleng.’  Basimane ba a tswa, ba a tsamaya, o sala foo mosimane a nwela jaaka a tle a ipoke. Fa Monwedi a raya ba bangwe a re o tlaa ba tshwara mo tseleng, o raya eng? O raya gore ba tsamaye, o tlaa ba fitlhela golo gongwe mo tseleng, ba ntse ba tsweletse le mosepele. A dira jalo. a minolosa, a tloga a wela tsela mme a ba fitlhela ba ntse ba tsweletse le mosepele.

Go sale foo, yo mongwe e ka re boemong jwa go tshwara mo tseleng a re, ‘Tsamayang, ke tlaa lo tshwara fa pele.’  Mme le la go tshwara fa pele, mo go bangwe le se ke le nne monate, ka ba tlaa le tseela go sele, e seng jaaka le dirisiwa. Fa, re bona Monwedi a ne a dumlanye le ba bangwe gore o tlaa ba tshwara mo tseleng.  Mme gape, motho o ka tshwara yo mongwe mo tseleng, ba ne ba sa dumalana jalo. A re re, Morwadi o mo tseleng a ya gae, mme o fitlhelwa ke  Baleti.

Ba tsamaya mmogo ba bo ba ya go goroga. E tlaa re ba bua ka mosepele o, Baleti a re, o ne a tshwara Morwadi mo tseleng; Morwadi ene a re, o ne a tshwarwa ke Baleti mo tseleng. Ba, ba tshwaranye mo tseleng, ba fitlhelelana fela, go ne go se epe thulaganyo ya gore go nne jalo. motshwanes@yahoo.com