Naledi

Monna o ipolaetse motlogolo

 

Mo potsolotsong le Naledi, mothusa Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Assistant Superintendent Makgotla Keitshweditse o tlhalositse fa bane ba amogela pego go tswa kwa go ba lelwapa kana losika lwa rre yoo, ba bolela fa moswi a ne a kile a ba leletsa, mme a ba bolela fa a thudile motlogolo wa gagwe ka koloi mme a tlhokafetse.

Rre Keitshweditse o tsweletse a bolela fa bane ba patiwa ke ba lelwapa go ya kwa tiragalong eo, kwa ba fitlhetseng maloba ele maabane, ele gore rre yo aneng a leditse, a setse a ipolaile ka go ikgwagetsa ka lethombo, gaufi le teraka ya Toyota Diana e gotweng one a e kgweetsa.

Go utlwala fa bobedi joo, eleng rre wa mokgweetsi wa teraka le motlogolo wa gagwe bane bale mo tirong ya go thotha motlhaba.

Go utlwala fa moswi yo mongwe eleng mokgweetsi, a ne a bolelela yo aneng a mo leleditse gore, o ne a re o busetsa koloi kwa morago, a kaediwa ke moswi ele motlogolo wa gagwe, mme a tshogana a mo gatile ka phoso.

Go ya ka mothusa ramapodisi a Serowe, rre Keitshweditse ditlhotlhomiso tsa bone di santse di tsweletse mme le fa ba belaela fa moswi yo eneng ele mokgweetsi, a ne a tlalelwa ke letshogo morago ga go lemoga fa a bolaile motlogolo wa gagwe yoo dingwaga tse masome a mabedi le bone (24). 

Go ya ka ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi, go lebega yoo thudilweng ane a le kwa morago ga teraka a kaela malomaagwe go emisa teraka sentle gore ba kgone ba tswelele ka go thotha motlhaba.

“Re belaela gore teraka e mo thudile e leka go boela kwa morago mme go ne go utlusa botlhoko thata ka jaana ene e setse e elotse motlhaba o mongwe, mo go rayang gore bokete ja yone bone bo oketsegile,”a rialo ramapodisi.

O tsweletse a tlhalosa fa ba belaela gore mokgweetsi o ile a tsaya tshwetso ya go ikgolega ka lethombo mo setlhareng gaufi thata le teraka morago ga go lemoga fa a bolaile motlogolo wa gagwe. Keitshweditse a re ba fitlhetse masupulo aa kayang gore moswi wa mokgweetsi o ne a leka go ntsha motlogolo wa gagwe ka fa tlase ga teraka, mme go lebega motlogolo wa gagwe a setse a tlhokafetse ka dikgobalo tsa dikgopo le mala.

Magatwe a re mmele wa rre yoo, o ne o sugakane thata ka jaana mateng le dikgopo di ne dile mo mpepeneneng.

Le fa gontse jalo, ba sepodisi ba ne ba seka ba batla go akgela mo magatweng ao, mme ba supa fa ditlhotlhomiso tsa bone disantse di tsweletse.

“Re belaela fa mokgweetsi aile a tsaya tshwetso ya go ikaletsa ka lethombo le goneng go supagala fa bane ba pompela leokwane mo terakeng ka lone.

Mme ebile pele faa ikgapela botshelo, rre yoo one a leletsa ba lelwapa la gagwe aba laela gore o bolaile motlogolo wa gagwe mme aba kopa go sala ba mo tlhokomelela bana. Re belaela gore one a tshogile thata go lemoga fa mmata a tlhokafetse,” a rialo Keitshweditse.

Le fa gontse jalo Keitshweditse a re bane ba tabogitse mebele ya bobedi joo kwa sepateleng sa Sekgoma kwa dingaka di fetileng tsa ba tlhobosetsa teng.

Le fa ntswa a re dikgang tsa go ikgapela matshelo di a tshwenya mo kgaolong ya Serowe, ramapodisi o tlhalositse fa ya gompieno ele ya ntlha go diragala ka mokgwa eo diragetseng ka teng.

A re tiragalo e, e ba tshositse le bone ele mapodisi ebile ene e utlusa botlhoko ka jaana batho ba ba amegileng ene ele masika aa gaufi thata.

O ne a gakolola batho gone ba ya motlhabeng ba le segopana le go ikela tlhoko ka nako tsotlhe go fema dikgang tsa mofuta o. A re gongwe fa go ka bo go nnile le mongwe wa boraro, mongwe okabo a tshidile.

Ere ka jaana tiragalo e e akabaditse batho ba le bantsi ka fa e diragetseng ka teng, magatwe ke gore go nnile le tiriso ya boloi mo go se se diragetseng.

Mo potsolotsong le mongwe wa ba lesika la baswi, yo aneng a itlhophela go sa ntshe leina la gagwe, go itsa dikgogakgogano mo lwapeng, o boletse fa erile morago ga tiragalo, bangwe ba masika ba ikgolaganya le ba bongaka jwa setso kwa ba ileng ba tlhalosediwa fa ngwana wa bone a ile motlhabeng a ntse ele setopo.

Kgang e nngwe ka mongwe yo mongwe gape wa lesika, e supa fa gone go dirilwe ka bomo gore moswi a bolae motlogolo wa gagwe mme a felele a ikgapetse botshelo.

A re ga se lantlha go diragala tiragalo eo mo lwapeng la bone, ka jaana dingwaganyana tse di fetileng go kile ga tlhokafala ngwana yo mongwe yo aneng a dira lokwalo la borataro. A re ngwana o ne a thulwa ke koloi a leka go sela madi fa thoko ga yone mme a tlhokafalela gone foo.

Go boletswe fa le yone teraka eo, e kile ya supa go sa itekanele malatsinyana pele ga tiragalo e, jaaka batswasetlhabelo ba ne ba re ba a e dirisa, mme yare morago ga malatsi mong wa yone a tsamaya ka yone fela kwa motlhabeng. Selo se bangwe ba dumelang gore ene ele sesupo segolo sa gore leso lene le bitsa batswasetlhabelo.

Ke lekile go bua le yo mongwe mme a mphitisetsa kwa go yoaneng a ile go bona tiragalo. Gatwe Teraka ya teng ke Toyota Dyna.

Naledi ene gape ya botsa mongwe yo gape eleng wa lesika, mme ele wa boraro go dumalana go bua le Naledi, le fa a lobile maina a gagwe.

O ne a re, baswi ene ele bontsalae, mme a tlhalosa fa ba sa amogela leso la bone motlhofo e bile le ba hutsafaditse.

O latotse magatwe a boloi le dikgogakgogano mo lwapeng, mme a tlhalosa fa lelwapa la bone ele la sekeresete ebile le tshwaragane fela thata.

Rre yoo, a re ene o bona go nnile le phoso fela ya teraka, a re go lebega ene e fedile leokwane la marikhi  (brake fluid) mme ya retelelwa ke go ema ka pele, pele ga e ka thula ngwana.

“Re belaela fela ka jaana lefelo la teng le lone lene le kgokologa, gape teraka ga e tshwane le di kolotsana tse dinnye tse di kgonang go ema ka pela. Gongwe le yoo ko morago le ene one a sa ema sentle kwa morago ga teraka,” a rialo.

A re go supa gore lelwapa la bone le tshwaragane e rile go amogela mogala ba bothologa botlhe go ya go bona gore gatwe go diragetseng mme ka maswabi ba fithela maloba e setse ele maabane. 

“Ga gona dikgogakgogano mo lwapeng, ke gore fela batho ga ba ke ba tlhoka go bua, re lelwapa lele bopaganeng. Bo malomaarona ba sale ba tlhokafetse re le bannye mme rentse re tshwaragane.

Nna ke bona phoso e nnile ya mokgweetsi wa koloi, le yo monnye go sa nne kelotlhoko fela. Mme ke santse ke leka go sekaseka gore sentle sentle phoso e dule fa kae”.