Naledi

Puso e etse tlhoko matshwenyego a badirelapuso � Khama

Khama o buile se ka Labone yo a sa tswang go feta, fa a ne a buisa badirelapuso kwa Lehututu. O ne a ba buisa jalo marago ga phuthego ya kgotla kwa Hukuntsi. A re go tswa goolowe bodirelapuso bo nna le seabe se segolo mo go ageng lefatshe leno, mme ka jalo ga gona jaaka puso e ka bo ikgatholosa.O boletse fa  erile a tlhongwa Tautona ka 2008, lesego la seka la mo okama mme a lebanwa ke kgwetlho ya itsholelo  e e bokowa mme ya mo paledisa go sekasekela badirelapuso dingongora tsa bone, dingwe ele tsa go okeletswa dituelo.

A re puso ene ya patelesega go senka ditsela tse e ka femang go totomels ga lefatshe leno mo pharagobeng ya kwelo tlase ya itsholelo.

Tautona Khama o ne a tswelela a tlhalosa gore le ntswa makgotla a badirelapuso a ne a kopa kokeletso badirelapuso dituelo, o ne a a tlhalosetsa, ka kemedi ya o ne, gore madi a a leng teng, ke a makata dimeche, le gore, e tlaare mogang itsholelo e tokafalang, a sekaseke selelo sa bone.

A re gone go sena ka fa puso e ka tilang kwelo tlase ya itsholelo ka teng, mme a bolela fa le tsone diteemane, tse eleng mokokotlo wa itsholelo, di ne di sa bone theko e e ka nametsang pelo.

O boletse fa seemo seo, se ne sa felela se bakile gore badirelapuso ba ngale ditiro ka ngwaga wa 2011. O tladitse gape ka gore, le fa seemo sene sa tsaya phekelo e sele, o ne a dumalana le khuduthamaga ya gagwe gore, e sereng mogang a tlogela maemo a gagwe ngwaga o o tlang wa 2018, lefatshe leno le bo lele mo khuduegong ya letlhoko la madi.

Lefa go ntse jalo, a re badirelapuso ba tshwanetse go lebogela tshwetso ya puso ka nako eo, ka e ene ya babalela ditiro tsa Batswana, mme seo ene ele ka bogakolodi jwa baitsaanape ba tsa itsholelo le tiriso ya madi. A re ba bile ba fema go kgaolo Batswana mo ditirong.

“Lefatshe la ga Mmamosadinyana, le ne la kgaola badirelapuso ba le 1.5 million ka nako ya kwelo tlase ya itsholelo, selo se puso ya rona e kgonneng go se fema. Go botoka go sireletsa tiro gona le gore e go latlhegele” ga tlhalosa jalo Tautona Khama.

Khama a re serwe se sentsi mo kabong ya madi ngwaga le ngwaga se ya kwa dituelong tsa badirelapuso, le ntswa go na le ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo tse di tlamang puso go ntsha mo sekgwameng sa yone jaaka go baakanya ditsela tse di senyegileng, marutelo le go tlhokomela batlhoki le tse dingwe.

A re mo dikgweding tse nne, puso e dirisa madi a selekanyo sa P24 billion mo dituelong tsa badirelapuso, tota ka gore badirelapuso ba bantsi. A re fa puso e ka tsaya tshwetso ya go kgaola badirelapuso ka masome a matlhano mo lekgolong (50%), e ka sireletsa madi aa kanang ka P12 billion, selo se a reng puso ga e na mangwe maikaelelo a go se dira.

O ne a tswelela a tlhalosa gore puso e utlwile selelo sa badirelapuso sa gore ba okelediwe dituelo, mme madiadia a bakwa ke boikuelo jwa makgotla a badirelapuso kwa dikgotleng tsa bosekelo, selo se areng se rotloetswa ke sepolotiki sa Makgotla magwe a sepolotiki mono gae. ).

A re ntswa wa maloba a re, sejo sennye ga se fete molomo, puso ene ya okeletsa badirelapuso madi a itshetsa le boroko. E rile a akgwa tautona dikgaba, mookamedi wa lephata la khiro ya bodirelapuso, Mme Ruth Maphorisa a re puso e ne ya okeletsa badirelapuso ba eseng maloko a makgotla a bodiredi madi jaaka masole, mapodise la ba bangwe, mme a re tshwetso eo ya puso ene ya emisiwa kwa makgotleng a ditsheko.

O kopile badirelapuso go sa supa puso ka monwana ka gore kokeletso ya dituelo e diegile go diragala ka lebaka la makgotla a bone a aneng a tseela goromente kwa makgotlatsekelong.

Maphorisa a re, e tlaare kgwedi eo ele lesome le motso, ba tlaabo ba kopane le ba makgotla a babereki go buisa ka dikgang tsa gore ba tshwanetse go tlisa dibuka tse di dupilweng ebile di supa gore dipalo tsa bone di letla gore ba bo bale mo lekgotleng la dipuisanyo (Bargaining council).