Naledi

A ditsela di tlhokomelwe

Go twe, mo go neng go le teng, e ne e le sebatanyana fela kwa Lobatse, sa sekgala sa khilomethara tse tlhano (5 km) go tswa kwa Kgotla kgolo ya Ditsheko, go ya kwa ga Molaodi.

Morago ga go tsaya boipuso, puso ya ema ka dinao go tlhabolola Botswana.  Ga agiwa dikole, dikokelo, le tsone ditsela tota.  Tse tsotlhe tsa tokafatsa botshelo jwa Motswana thata

Re tlaa dumalana gore, ditsela di teng, di agilwe. Mo mafelong a mantsi, ga re sa tlhole re tsamaya re raletse metlhaba le diretse, kgotsa re setswe morago ke dithole tsa ditsela tse di sa dilwang. Gompieno  mesepele e mentsi e khutshwafetse ka jaanong ditsela ke tsa sekonotere.

Le fa go ntse jalo, go na le selelo sa gore mono gae, ga re na ditsela. Tota kgang ga se gore ditsela ga di a agiwa. 

Ditsela di teng; kgang ke gore ga di tlhokomelwe. Bontsi jwa ditsela tse, di ditshesane, di dikhuti fa gare le mo dithoko. Mo go tse dingwe, ga go motlhofo gore, o le mokgweetsi, o bo o ntse o le mo lebogong la gago, ka dikhuti tseo, di tlaa go kgarakgatsha.

Godimo ga moo, ditsela tsa rona ga di na matshwao sentle. Fa, re  bua ka meralo e mesweu e e dirwang fa gare ga tsela go supa legare la yone, le e e lephutshe,  e e mo dithoko, go supa fa tsela e felelang teng.

Meralo e, e a tle e dirwe, mme morago e sutlhege, go nne go setlha fela. Bosigo bakgweetsi bangwe ba tshware bothata ba sa bone tsela sentle.

E re pula e nele, go nne botlhoko thata. Dikhuti tsele di tlale metsi mme batho ba tsamaye ba tshabuela mo go one. Dikotsi di tswe gone fa. Go hema dilo tse tsotlhe ra re, a ditsela di tlhokomelwe, di atolosiwe. A di katelwe dikhuti, di rethefadiwe, matshwao a tsone a dirwe sentle a bonale.

A di tsenngwe dibonesanawa ( reflectors), e re bosigo, ba ba matlho a bokoa, ba kgone go bona tsela sentle go na le go e fopholetsa.  Fa go dirwa jalo, re tlaa  itumela, re galaletse puso, re bone gore e dira go bonala.