Naledi

Ga re iphotlhare mabogo

A bodiwe gore, a sa leme, a sa rue, o rlaa tshela jang ka botshelo jwa Motswana ke kgomo le tshimo. E le boammaaruri ka gore, gone le fa rotlhe re ka se ka ra lema kgotsa ra rua, tsela fela ya go bona dijo ke temo thuo.

Le fa go ntse jalo, go na le kgang ya gore, ga re ise re kgone go lema le go rua mo go lekanyeng go jesa Botswana, mme re felele re reka dijo tse dintsi ka kwa ntle ga fatshe jeno. Re kgone go ja mme sebe sa phiri e nne gore, madi a a ka bong a tsweledisa ditiro dingwe mono gae, a a tlola, a ye go sele, kwa re rekang dijo teng. Mme rona re sale kae? Re salele kwa morago, ditiro dingwe di eme, ka madi a go di dira, a tlodile a ya go reka dijo tse re neng re ka bo re di itiretse.

Jaanong ba re, e rile go bona seemo se ntse jaana, puso ya tla ka mananeo a a farologanyeng go leka go tlhatlosa temo thuo mono gae. Re setse re kile ra bua gore, lengwe la mananeo a, ke la LIMID, le le itebagantseng le loruo, fa le  lengwe e le ISPAAD, le lone le itebagantseng le temo.  Mogopolo ka mananeo a otlhe, e seng LIMID le ISPAAD fela, ke gore puso e tlhabolole temo thuo, mme lefatshe leno le felele le ijesa, le emise go reka dijo go sele.

Le ntswa puso e eme ka dinao e leka go thusa , go na le selelo sa gore, Batswana bangwe ba thubile kobo segole, ga ba re sepe ka  go ithusa ka mananeo a. Potso e nne gore, fa ba se na sepe sa go oba lebogo, mme gape ba sa eme ka dinao go leka go itlhatlosa ka mananeo a, ba bo ba tlaa tshela jang? Foo ga re itse, gongwe ba tlaa baya fela mo go reng, namola leuba, phaphatha le soup, matlo le dikobo tsa mahala di teng. Mme kana se, e bo e le gone go busetsa lefatshe kwa morago; e re motho a ka bo a itirela, a bo a batla gore a direlwe e se nama.

Kwa ntle ga gore batho bangwe ga ba na kgatlhego ya go ka dirisa mananeo a puso go leka go itshetsa, ga twe go na le ba ba tsayang mananeo  a temo thuo, bogolo jang ISPAAD, ba leme, mme morago ga foo, ba tlogele masimo a le nosi; ke gore, ba se ke ba a tlhokomele. Go direge jang? Dijwalo di sale di jewa ke mhero ka ga go tlhagolwe; di jewe ke dinonyane. Ka mo gongwe masimo  a bo a sa agelelwa, dilo tse dingwe jaaka loruo le tsone di tsene, di senye. Go felele jang? Go felele molemi a sa roba sepe ka tshimo e ne e tlogetswe e le noisi mme ya jewa ke dilo.

Go utlwala fa mongwe wa ba ba tshwenyegileng ka seemo sa balemi go lema, ba tloga ba phuaganya masimo, e le Kgosi David Adam wa Shashemooke. Ga twe e rile ngogola kgosi a kgothatsa balemi go tlhagafalela temo, le gore, e re ba se na go lema, ba tlhokomele masimo, e seng go a tlogela a jewa ke mhero le dilo tse dingwe, bone ba bo ba felela ba itswela fela. Fa e bega ka fa kgosi a neng a bua ka teng, Dikgang (Daily News Labone Sedimonthole 01 2016) ya re;

‘O boletse fa go na le bangwe balemi ba ba nang le mokgwa ….. wa go phuaganya masimo a senngwa ke leruo kgotsa a jewa ke mhero, mme ka jalo e re ka nako ya thobo ba bo ba tswa ba iphotlhere matsogo.’

Re utlwa sentle gore kgosi o kgala mokgwa wa gore batho ba leme, mme ba bo ba sa robe sepe ka ba ne ba sa tlhokomele masimo. Kgang ya rona gompieno ke go gakolola gore, lenatetshapuo le le reng ‘go iphotlhara,’ ga le a dirisiwa sentle. Potso e tlaa re, le dirisiwa sentle jang.

Go araba potso e, a re re, Naledi o ya golo gongwe, a solofetse go tla a tshotse kgotsa a bapetse sengwe fa a tswa koo. Fa a boa koo, o itlela fela, ga a tshola sepe.

Gone fa, Setswana se tlaa re, Naledi o tla a phuthile mabogo, a akga diatla, kgotsa, o tla a iphotlhere, e seng a iphotlhere mabogo, mo gotlhe go raya gore, o tla a sa tshola sepe. Fa e re o re o adima madi, Naledi a bo a re, o iphotlhere fela, o raya gore, ga a na madi ape a a ka a go adimang. Ga re iphotlhare mabogo; re a iphotlhara, go raya gore, ga re a tshola kana ga re na sepe. Balemi bale, ba tla ba iphotlhere fela.