Naledi

Moapostole Makepe o rutuntsha banana

Makepe a re, gore banana ba atlege le go tshela botshelo jo bonang le isago e e phepha, ke gore ba ikgaphe mo ditirong tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.

A re o itemogetse gore, banana ga ba somarela matshelo a bone, ka ba inaakantse le dilo dile dintsi tse di maswe, jaaka go tlhakanelo dikobo, bogolojang ba sa itshireletsa, go dirisa nnotagi le diritibatsi.

O boletse gape fa a dumela gore go bua ka dikgang tse phatlalatsa segolo jang tsa tlhakanelo dikobo, go tla tsibosa bontsi jwa bone, ba gongwe bontsi bo gomagomelwang ke go fapoga mo mokgweng o o siameng.

Fa a bua ka nnotagi le diribatsi, o boletse fa ba tshwanetse go ikela tlhoko ka ditagi di ka ba senyetsa bokamoso.

Ya re a tlhalosa ka se a re, ditlamorago tsa motho a dirisa nnotagi kgotsa diritibatsi di ngomola pelo e le ruri. A re maduo a teng a ka baka dikgang tse di farologanyeng di tshwana le dipolao tsa batho, go tsena mo kgolegelong le tse dingwe jalo jaaka dipetelelo.

O file sekai ka motho yo o godileng a sa tshele sentle ka bonana, mme a e o ka itshupa mokgwa fa a setse a gola. O tlhalositse gape gore, botshelo jo motho a bo botshelang ka bonana, bo kgona go senngwa ke botshelo jo o abong tshelang jo bo fapogile mme bo mo ame fa a godile. Moruti Makepe a re, o kopa gore babegadikgang ka go farologana le ba diromamowa ba mo eme nokeng thata ka o nale keletso ya go tswelele a gasa molaetsa o, go fitlhela a bona diphetogo tse di botoka mo bananeng.