Naledi

Magodu a tlhakaladitse kwa Tlokweng

 

Maleka a re, ditiragalo tse di farologanyeng tsa borukhutlhi, di diragala ka dinako tsa bosigogare le makuku a meso. O boletse fa dipego tse ba di amogelang, e abo ele tsa go kgothoswa ga batho megala ya letheka tota le dikgwama.

E re go ntse jalo, Maleka a re ba tlhotlhomisa ditiragalo dile lesome tsa go utswiwa ga megala ya letheka. A re ditiragalo tse di begetswe mapodisi go simolola ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le boferabongwe, a bolela fa ne ele ka mafelo a beke eo, le letsatsi la boitapoloso la babereki, go fitlha ka letsatsi la laboraro a le boraro.

Maleka a re, le fa ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso le go nama ba golegile ba belaelwa, o kopa sechaba go ela tlhoko digongwana tse di sasankegang bosigo, di etse tlhoko batsamaya bosigo ba ga ntsi ba tswang maitisong.

A re go botoka gore batho ba ipope digongwana le bone go fema go tlhaselwa ke magodu, a bolela fa ditiragalo tsa borukhutlhi jo, di diragalela mo mekgatshaneng.

E ntse ele kwa Tlokweng mo kgaolwaneng ya Kgololwane, Maleka a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone banna ba le babedi, ba neng ba tlhaselwa ke segongwana sa magodu ale bone kana botlhano. A re tiragalo e, e diragetse ka dinako tsa makuku a moso wa Motsheganong a bongwe.

O tlhalositse fa banna bao, ba baneng ba tlhaselwa, ba bone dikgobalo tse di masisi, ka ba ne ba ragosidiwa kwa kokelong. A re go lebega fa ba ne ba ketekilwe fela thata ka matlapa le go tlhabiwa ka dingwe tse di bogale.

A re banna ba, ba tlhalositse fa ba ne ba tswa maitisong fa ba ketekwa ke magodu, le go ba thubela kolotsana ya bone ya modiro wa Beetle. O boletse gape fa mongwe wa batswasetlhabelo, a santse a robaditswe kwa kokelong a Princess Marina, fa o mongwe ene a sedilega e bile a golotswe mo kokelong. Maleka a re ga ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo e mme ba tsweletse ka ditlhotlhomiso.