Naledi

BoThakadu ba rotoletse Katse le Segokgo matlho

Di tlaabo di kopantse banna ba le babedi le mosadi a le mongwe, ba eleng Elijah Katse wa Domkraga (BDP), Masego Kenneth Segokgo wa UDC, le yo o ikemetseng Shirley Segokgo (mokoko).

Poeletso e ya ditlhopho, e tla morago gago tlhokafala ga mopalamente wa pele Mme Same ‘Kwankwetla’ Bathobakae wa UDC, ngwaga o o fetileng. Go lebaka Mme Bathobakae a tlhokafetse, mme go nnile tiego ya go begwa ga letsatsi la ditlhopho tsa koo ke Tautona Ian Khama. Ditlhopho di tlaa tshwarwa kgwedi ya Motsheganong e tlhola lesome le boraro.

Naledi e potietse, e lemogile fa BoThakadu ba dule mo matsatseng go leba kwa dikgorong tsa matlhophelo, go bona gore fa gare ga Katse le Segokgo ba ka fetola eng sefitlholo sa bone, ka maikaelelo a go netefatsa fa kgaolo e tswelela e nna ya UDC.

Phologotswana e Thakadu, go bolelwa fa tota yone e rata thata go nna e ntse e tlhotlhoma le matsatsa le diolo go fatafata go bona se e ka se latlhelang mo ganong go ntsha logaba, eleng seo matlho a yone a tla rotogang go bona sentle fa Katse e bapile le Segokgo.

Ipapatso ya bontlhopheng ka boraro, e ntse e utlwala le go bonala go ralala Tlokweng. Digoagoe di kuela kwa godimo, go tsatsankiwa bontlhopheng le diphathi tsa bone, maikaelelo e le go ngoka batlhophi ka dipalo tse di ntsi. Ka kgaolo e e ntse e le mo diatleng tsa kganetso (sekhukhu), morago ga gore Bathobake a gatake botlhoko ntlhopheng wa BDP, Olebile Gaborone mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014, bontsi bo lebile ka kelotlhoko go bona gore a sekhukhu ka Masego Segokgo, se tla a kgona go boa se e khurumetsa gape go e sireletsa. Bogolo jang ka tota kwa gooraDomi, pitsa e ntse e lwelwa go fagiwa ke bontsi, mo go feletseng go bonala sentle gore go santse go na le makgamu a le mantsi thata kwa Tlokweng.

Fela, se ga se se ka kgobang ope wa Domi marapo, ka ba dumela gore ba romile letona la kantase, Elijah Katse golwa le bontlhopheng ba bangwe. Mongwe wa bone ebile a tswa mo phathing yone e ya Domi, go ikemela ka nosi.

MaDomi a solofela gore e tlaare letsatsi la Sontaga le phirima, megolokwane le melodi etlaabo bo e lela botlhoko, ba ipelela phenyo ya bone ya kgaolo e.

Ya mokoko kgang le yone, e ka tswa e sa kgatlhe bontsi go le kalo, bogolo jang ka tota bontsi jwa batlhophi ba santse ba rata bobe go ikamanya le diphathi tsa bone, go na le go ikamanya le mokoko.

Se se dire gore bontsi jwa baemanosi ba ne ba tswa fela ba latlhegetswe botlhoko mo ditlhophong.

Se se raya gape gore Shirley Segokgo le ene ke ntlhopheng yo o solofetseng gore morago ga letsatsi la Matlhatso, a bo a leba kwa palamenteng a gapile sefoka jaaka mosadi Bathobakae a ne a dira. Ipapatso ya bontlhopheng ba, e ntse e tsweletse mo kgaolong e, mme e tla a wela ka Labotlhano bosigo, jaaka lekgotla la ditlhopho (IEC) le laola gore ka letsatsi la ditlhopho go seka ga nna sepe se se tsamaelanang le ipapatso, go akaretsa le gone go apara mebala ya diphathi, kgotsa e e tshwanang nayo