Naledi

Tlou e raletse Oodi le Phakalane

PIC: THALEFANG CHARLES
 
PIC: THALEFANG CHARLES

Tlou, e tlwaelesegile go bonwa thata kwa dikgaolong tsa bokone, le bokone-bophirma, tota le kwa Bobirwa. Gone kwa dikgaolong tse, baagi ba teng ga ba di tshabe lebaibai, gona le ba dikgaolo tsa mo borwa.

Bosigo jwa letsatsi la Laboraro, ya bo e le bo bo pharologanyo ka bo ne bo kgabile ka modumo wa go bogola ga dintsa o o sa tlwaelesegang. Beng ba tsone le baagisanyi ba seka ba gopola gore mekashe ya bone e ka tswa e bogola setshedi se di e sa se itseng gotlhelele.

Mengwe mekashe go boletswe gore yone ya bo e bogola fela e ntse e thula mabati ka ntlha ya go tshaba phologolo e, bogolo jang fa e gataka magora a malwapa fela e ralala go fetela ntlheng e nngwe.

Tlou e go boletswe fa e ne e tshotse loeto go tswa kwa botlhaba jwa motse wa Oodi, ntlheng e le ya Mokatse, Modipane le Dikwididi jaaka mosepele wa yone o ne wa utlwala kwa kgaolong e e bidiwang Mmadikota gone mo Oodi.

E rile baagi ba kgotlana e ba tswa ka dikgoro tsa malwapa a bone go leba kwa mafelong a a farologanyeng le go ya ditirong, ba ba matlho a bogale, bogolo jang banna ba ba kileng ba sala dikgomo morago, ba bona mogato o e neng e le lantlha ba o bona mo ditsong tsa botshelo jwa bone.

Ka ba itse tlou le kgato ya lenao la yone, ba lemoga fa e le motlhala wa yone, mme ebile wa ba gakolola sentle gore dintsa tsa bosigo di bogolo di eta di thula mzabati, ammaaruri di ne di bogola tlou ya motlhala o.

Ka go itse bogale le borai jwa tlou, ba seka ba tlhola ba okaoka, mme ba tlhamalela kwa kgotleng ya motse o, go begela mapodise ka se ba se boneng. Badira jalo gore, e se re gongwe phologolo e e mashetla e, e seka ya tloga ya tlhasela batho le gone go senya dikago.

Ka e ne e lala e tsamaya bosigo jotlhe, motlhala wa yone mo mosong wa Laboraro, wa bo o gasame le Oodi, ka banni ba kgotlana ya Lelotong le bone ba tsogetse mo go one, mme le bone ba tabogela kwa kgotleng go begela mapodise.

Ga kgatlha thata go bona batho ba ntse ba goroga go tswa mo dikgotlaneng tsa Oodi ka go farologana, ba tsile go bega tlou e ba boneng motlhala wa yone ka go lebega e ne e setse e fetetse pele go tswelela le mosepele wa one.

Fa mapodise a se na go amogela pego e, ke gone ba tswa go leba ka matlho a bone go tlhomamisa gore a se se buiwang se ke boammaaruri.

Ntswa badisaphologolo ba ne ba iponatsa, go batlile go nna thari ka tlou eo e ne ya bonwa morago ga dioura e ntse e batlwa, mme ebile e ne e batlwa gape ka sefofane se se thusitseng gore e bonwe e ise e tsamaele kgakala, kgotsa e nyelele.

Erile ba e bona ba e tlhaba ka botlhole jo bo idibatsang, mme ke gone ba e pega mo koloing go tsamaya ka yone, ba bolela gore go nne go itlhokometswe thata ka gonwe e se nosi mo loetong le la yone.

Baagi le bone go utlwa fa e bonwe ebile e tserwe ba wela mowa ka jaanong ba ne ba itse fa ba babalesegile mo go yone, bogolo jang ka bone ba sa itse tlou le gone go tlwaela go tshela le go nna gaufi le tsone jaaka baagi ba dikgaolo tsa Bokone le Bobirwa.