Naledi

Ithutuntsho ya baithuti e botlhokwa

Baithuti ba romelwa kwa dikompone tse di ikemetseng ka nosi le tsa puso. Bangwe ba romelwa kwa maphateng a a farologaneng a puso ga mmogo le makalana a bobegadikgang ka go farologana.

Le fa go kile ga nna le di ngongora mabapi le ka fa madirelo mangwe a tsholang baithuti ba ka teng, se se lemosegileng e bile bana le seabe ba se kgotsofalela ke  gore, ithutuntsho e (internship), e tswetse, e bile e tsweletse ka go sologela molemo baithuti bale bantsi mosola.

Re rata thata go akgola lephata la thuto ka mogopolo o, e bile re rotloetsa gore o nne o tsweledisiwe. Kakgolo ya rona e tona e lebagane le baithuti ba bobegadikgang go tswa kwa UB le Limko, jaaka dikole tse di bidiwa, mme re gatelela gore baithuti ba monongwaga ba ne ba le pharologanyo le ba dingwaga tse di fetileng. Se, ke ka gore, bane bale tlhaga e bile ba sa emele go fiwa ditaelo tsa go batla dikgang kana go potiela se ba ka kwalang ka sone.

Re bonye jalo bakapaditshwantsho, le bakwadi ba tsa metshameko le tsa kgwebo, mme botlhe ba ne ba dira fela jaaka bo mogoloabone, ka bonokopila.

Keletso ya rona ke gore, a ere ba fetsa dithuto tsa bone, le fa go santse go tla nna thata go bona ditiro, ba tsweleldise mewa ya bone ya bonatla mme ba ithaopile go ithutela pepe ditiro tsa bone. Ba ka dira jalo ka go ithaopa, gongwe kgabagare ba ka thapiwa ke o ne makalana a.

Sengwe gape se re se itemegotseng, ke botho le maitseo a bana ba, le tlotlo e baneng ba efa bo mogoloabone mo tirong jaaka bane ba ithutuntsho.

Le rona rele ba Naledi, re eletsa go bona jalo baithuti ba bobegadikgang ba sa tlhaole tiro ya bokwadi. Bangwe ba setse ba ipoleletse gore bokwadi ke jwa sekgoa fela mme kana Sestwana se monate thata ka padi le mokwalo fa o setse o rutuntshitswe sentle. Re eletsa gore mo isagong re bone jalo bakwadi ba Setswana ba aloga kwa dikoleng tse di kgolwane, se ele go nonotsha sebolokelo sa ngwao le ditso tsa rona le Batswana.