Naledi

A go utlwale gore go tlhalosa mang

Kwa ntle ga malwetse mangwe a a utlwalelwang fale e fale, go lebega loruo lo tsogile sentle. Mme fa e le dijwalo tsone, nnyaa, ga di a tsoga. Ga re ise re utlwe ba Temo thuo gore bone ba bona jang mme ka fa re bonang ka teng, kwa masimo, ngwaga ono ga o ke o nne one sentle. Go lebega thobo e re neng re e solofetse ele, e tlaa se ke e nne teng. Kgwedi  ele, go kile ga utlwala fa masimo mangwe a tlhasetswe ke seboko sa segopa (army worm). Ga twe seboko se, se ja lotlhaka lwa mmidi mme se o bolaye go swela ruri. Go  belaetse gore, a mme thobo e re neng re e solofetse ele, e tlaa nna yone. Re se ke re dumele fa e tlaa nna teng.

Godimo ga moo, fa re ntse re tsamaya le naga, re bona masimo a ntse masweu, dijwalo di shele. E nne tiragalo e e hakgamatsang ka jaana nako e, masimo a a bo a eme sentle, a le matala, e seng a le masetlha jaaka re bona. E re mariga a le fa gare, serame se setse se le bogale, ke gone dijwalo di she, mme tota di oma gore go tle go rojwe. Gompieno nnyaa, ke go sele, e seng ga gale.

Mo godimo ga gore dijwalo di itlhaganeletse go sha, le gore bangwe ba kile ba tlhaselwa ke seboko sa segopa (army worm),  ga  twe kwa masimo a Mmamagano, gaufi le Monwane, ba tlhasetswe ke motlho, e bile bangwe ba setse ba tlhobogile temo. Fela se se nametsang ga twe, puso e na le lenaneo la go thusa balemi ka chefi e e bolayang mhero. Ga twe puso e ka reka chefi , mme balemi bone ba ipopa setlhopha, ba batla (hira) terekere e e  ka gasang chefi e mo masimo go bolaya mhero. Chefi e, e bolelwa e bolaya mhero go o nyeletsa, e seng go o okola.

Fa e bega ka fa e reng mogolwane mongwe wa ofisi ya diji le mhero o ne a bua le balemi ka teng, Dikgang (Daily News, Labobedi Moranang 18 2017) ya re;

‘O kopile balemi go ikopanya le balemisi go ba tlhalosetsa ka melemo e e bolayang mhero.’

Gompieno kgang  ya rona ke gore, go ya ka fa temana e e kwadilweng ka teng, ga go utlwale sentle gore, yo o tlhalosang ke mang, a tlhalosetsa mang. Go ya ka fa Mmualebe a bonang ka teng, temana ya re balemi ke bone ba tlhalosetse balemisi ka melemo e e bolayang mhero. A mme go ntse jalo? A molemi o ka tlhalosetsa molemisi ka melemo e e bolayang mhero, a mo ruta gore ke efe, le gore e dirisiwa jang? A se Dikgang (Daily News) e se kwadileng, ke se e neng e batla go se bua? Nnyaa, re dumela gore Dikgang e ne ya timela, ya se ka ya kwala sentle.

Jaaka re setse re utlwile, kgang e go buiwang ka yone, ke ya go lwantsha mhero. Balemi ba tlhasetswe ke mhero mme ba batla go o lwantsha kana go o bolaya. Tsela nngwe ya go o lwantsha ke gore ba kope balemisi go ba thusa; go ba bolelela maina a melemo e e ka dirisiwang go bolaya mhero oo, le gore melemo eo, e dirisiwa jang. Jalo he, kgakololo e ka nna gore balemi ba ikopnye le balemisi gore balemisi ba tle ba ba thuse, e seng bone e le balemi, ba thuse balemisi.

Fa ba ruta Setswana ba tlaa re, mo temaneng ele, lefoko ‘balemi’ ke sediri; ke gore, ke selo se se dirang tiro e go buiwang ka yone. Tiro e ke efe? Ke tiro ya go ikopanya ba bo ba ba tlhalosa (ba tlhalosetsa balemisi) ka melemo e e bolayang mhero. Re boe re re, a mme go ntse jalo. A molemi o ka ruta molemisi ka melemo ya go bolaya mhero ? A molemisi ga se ene a ka rutang molemi?

Re sa ntse re re, ka fa e kwadileng ka teng, Dikgang (Daily News) e timetse, ya se ka ya kwala sentle. O botse gore, go kwala sentle, e ka bo e kwadile jang? Go kwala sentle e ka bo e rile, o kopile balemi go ikopanya le balemisi go tlhalosediwa  (bone balemi) kana gore ba tlhalosediwe ka melemo e e bolayang  mhero. Go kwala jaana go ne go tlaa bo go utlwala, go sa tsietse ope.  Ka fa go kwadilweng ka teng, ga go utlwale gore tota yo o tlhalosang ke mang; a ke molemi kgotsa ke molemisi.