Naledi

Ke tla tlhwaafalela Naledi, salang sentle!

Ke ne ka laelwa ke modisa dikago go palama mochini (lift) o o pegang batho go tlhatlogela kwa godimo. Mme mo matlhatlaganyaneng ao, kwa go a boraro, ka kopana le batho ba bantsi. Bangwe ba ne ba tsena, bangwe ba tswa, bangwe go lebega e le badiri ba Mmegi, kana babega dikgang, ka ke ne ke bona ba tshotse dibukana le megala ya letheka e megolwane (Tab). Ka amogelwa ke mme mongwe fa go arabelwang megala teng, mme fa a impolelela, a re ke ene Nango.

Ditlotlo tsa nna teng, a ntira gore ke amogelesege. Go ise go e gope, rre mongwe a tla go nkopantsha gone foo, a inkitsise, a re ke ene Zolani Kraai. Ka tebo ya matlho, o ne a lebega e le motho yo o sudileng sefatlhego, e bile a le bogalenyana, mme letsatsi leo, a nkamogela ka menyenyo. A mpontsha fa ke tlaa berekelang teng, a bo a nkitsise le badiri ka ene.

Ya bo e le jaaka ke simolotse go dira tiro ya me ya boithaopo kwa Mmegi mme ke direla ka fa tlase ga lekalana la Naledi. Naledi ke koranta ya Mmegi e e kwalwang ka Setswana e bile e gatisiwa ka Laboaro mongwe le mongwe. Morulaganyi wa lone ke Rre Kraai.

Ke le moithuti wa tsa bobegadikgang, kwa sekoleng sa Limkokwing University, mo Gaborone, letsatsi la me la ntlha kwa Mmegi, tota mo ofising ya Naledi, le ne le le bokete thata. Maikutlo a me, e ne e le a a tlhakatlhakanyeng, ke ipotsa gore tota ke ya go simolola go kwala Setswana jang. Ke gorogile ke ntse ke boleletswe gore ke ya go berekela mo lekalaneng la Setswana mme ka simolola go tshoga fa ke setse ke tsena ka diofisi tsa Naledi.

Tota kgang kgolo e ne e le gore, ka tlholego, ke mosetsana wa Mokalaka, kwa motseng wa Zwenshambe, kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba. Tota jaaka bontsi jwa batho mono gae ba itse, Bakalaka ga se morafe o o buang Setswana se se phepha. Jalo he, ke ne ka iphitlhela ke le fa gare ga naka tsa nare ka go kwala Setswana, selo se ke iseng ke ko ke se dire.

Ka letsatsi la ntlha, Rre Kraai o ne a ntshupegetsa mekwalo e le mokawana ya Setswana, le go mpha melawana ya bokwadi jwa Mmegi, tiro e e neng ya tsaya letsatsi lotlhe go e dira.

Ka Labobedi, Rre Kraai a ntatlhela mo bodibeng jo bo seng kana ka sepe jwa Setswana. Ka a ne a setse a mpontshitse melawana ya bokwadi, a dumela gore ke ka simolola go kgwarinya, mme ka dira jalo. Tlhogo ya me ya opa, go le thata, ke sa itse gore ke aga mafoko a Setswana jang. Fa letsatsi le dikela, mo maitseboeng, ka bega polelo ya me ya ntlha. Ke ne ka fiwa teko ya ntlha ya go ranolela mokwalonyana wa Sekgoa kwa Setswaneng.

Ya re ke e bontsha Rre Kraai, a batla go nkgaola pelo. A nthaya a re, ‘Gakere o a bona, o ne o le boi fela; ke fa o kgonne mme o sa ntse o tlaa leka go fetisa fa. O dirile sentle, o nne o bale mekwalo e mengwe mme morago o tlaa tshwara.’ Pelo ya me ya re goso! Ka ikutlwa ke nametsega, le maikutlo a me a wela tlase; ya bo e le jaaka ke kgothala mme ka simolola go kwala letsatsi le letsatsi.

Ke ne ka kgothala thata fa ke bona dipolelo tsa me di gatisitswe. Motsadi wa me, e leng Mme, le ditsala tsa me, ba nteletsa ba itumetse fela thata. Mafaratlhatlha a me a Facebook a tloga a bereka thata, bangwe ba nkgalaletsa, fa bangwe ba ne ba hakgametse.

Naledi e nkagile, mme tsela e ne e se motlhofo. Go ntsere sebakanyana go itse dingwe tsa ditshetlana tsa go kwala Setswana. Go nna mmega dikgang ke tiro e kgatlhang fela thata. Ke nnile le sebaka sa go ithuta go le gontsi ka tiro ya go bega dikgang ka Setswana.

Ke kgonne go tsenelela dipuisano tsa palamente mme ka kwala dipolelo tse di mosola mo babading ba Setswana. Ke kgonne gape go kwala ka maitiso a My Star, selo se se neng sa nthotloetsa go feta jaaka ke ne ke solofetse.

Botlhokwa jo bongwe  jwa bobega dikgang, ke jwa go botsolotsa ka mogala, tiro e ke feditseng ithutuntsho ya me kwa Naledi, ke itse go e dira.

Ga ke ise ke amogele ngongorego epe mabapi le dipolelo tsa me. Tsotlhe tse ke neng ke di bolelelwa, e ne e le poko fela ka bontle jwa tiro e ke e dirang ke le mokwadi.

Thotloetso go tsweng kwa go Zolani kana Mzolisto jaaka a rata go bidiwa, ke e ke e amogetseng fela thata ka tsoo pedi. Ke sa lebale batsadi kwa gae. Dikgakololo le lorato lwa bone mo tirong ya me e ne e le tse di nametsang. E a tle e re nako nngwe fa ke leba kwa morago, ke bona tiro e ke e dirileng, ke tlelwe ke bohutsana gore, fa ntate a ne a tshela, o ka bo a bona bokgoni le bokgeleke jwa ga morwadie.

Morago ga dipolelo di lesome le bone, tse ke setseng ke di kwaletse Naledi, mosepele wa me o tlaa nama o eme fa, ka ke tlaa bo ke boela kwa sekoleng. Ba le bantsi ba ba neng ba tsere nako ya bone go supa kgatlhego mo go se ke neng ke se dira, a dipelo tsa bone di se fuduege ka gore se, ga se phelelo, mme ke tlaa boa ke tla go tsweledisa se ke neng ke setse ke se simolotse, ke kwalela Naledi. Salang sentle betsho.