Naledi

Banna ba lelela malutu

 

Malutu a, a boile gape a teng mo dikokelwaneng go phakiwa ke masea go thusa go oketsa dikotla mo mmeleng. Godimo ga seo, bomma bana ba bolela gore puso e thusitse thata ka go busetsa malutu ka a ba thusa go laola banna kgotsa borra bana ka ba a rata thata mo ba nnang ba le teng ka dinako tse dintsi.

 Fa Naledi e bolotse letsholo la go bona ka fa puso e thusang batsadi ka teng, ka dijo tsa mophako tsa dikokelwana, e ne ya bolelelwa fa lenaneo la puso la mophako le sa ntse le le teng, mme dijo tse di phakiwang e le Tsabana, Malutu, dinawa le mafura, di farologana go ya fela ka dingwaga tsa bana ba ba tshwanetseng go phaka.

Naledi e ne ya tsena mo dikokelwaneng ka go farologana, kwa e fitlhetseng masea le  teng, ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, ba tsewa bokete ba mmele le gone go phakisiwa dijo tse go ba thusa go tlhabolola bokete jwa mebele. Baoki ba ile ba tlhalosetsa Naledi fa dijo tse tota di phakisiwa  masea, bana le balwetse ba malwetse mangwe.

Ba gatelela gore dijo tse ke tsa ba ba di phakang ba fela. Le fa ba bua jaana, ba ne ba bolela gore ba a itse gore fa go tsenwa kwa malwapeng, dijo tse, kgotsa mophako o, wa masea,  o fetoga go nna dijo tsa bagolo, mo o fitlhelang jaanong beng ba tsone bone ba sa di je  gotlhelele.Go utlwa mafoko a, a baoki le bomma boitekanelo, Naledi e ne ya  itshela fa gare ga bomma bana go utlwa gore bone ba reng ka dijo tse tsa mophako wa masea le bana. Ijaa, ga tshegisa thata go utlwa bontsi bo bolela ka fa banna kgotsa borra bana ba ratang Malutu ka teng. Bontsi jwa basadi ba, ba boletse gore banna ba rata Tsabana le Malutu thata.

Ba re, fa e le dinawa tsone, ga ba na sepe le tsone gotlhelele, ka bangwe ba re ga di monate.

Fa ba bodiwa ka Tsabana le Malutu, batsadi ba boleletse Naledi gore, le fa Tsabana a ratega thata jaana, go lebega a sa gaise Malutu. Ba re, e a re ba emelela go leba kokelwaneng, borra bana le banna fela mo lelwapeng, ba kope gore go se ka ga lebalwa Malutu.

Gape ba re, fa ba goroga kwa malwapeng, banna ba botsa gore a Malutu a teng. Fa go twe a teng, ba kope gore a apeiwe ba tle ba je,ba bolela ka fa a leng monate ka teng. “Monna wa me o rata Malutu thata;a re a mo gopotsa ale a bogologolo, a a neng a kgona go jewa fela a sa apeiwa.” Ga bua jalo Segametsi Phiri kwa Sebele. A re fa malutu a le teng, monna yo o batla go ja one fela, gape ga a tshabe go a ikapeela fa a a batla, e bile a dira gore a nne mo lwapeng sebakanyana.

Naledi e ne ya tsamaela kwa marekisetsong a bojalwa, bogolo jang a chibuku, mme ya phunya kgang ka dijo tsa mophako. Go ne ga nna  ga bonala fa ka boammaaruri banna ba rata malutu thata. Ba ne ba  bolela gore ba a rata e le motogo le a le mosoko. Bangwe ba re, fa ba ya morakeng le masimo, ba paka malutu go ya go a ja monate koo ka masi le badisa ba bone. Ba bangwe ba lela ka gore,tota le fa ba rata Malutu bobe jaana, ba utlwa botlhoko ka ba sa a bone motlhofo, ka ba se na bana ba ba phakang.