Naledi

Letshwiti o rera kago ya mabala

 

Letshwiti o buile jaana bosheng morago ga motshameko wa Sharps Shooting Stars le Modipane United. O boletse fa a sa dumelane le kgang ya gore ga go na lefatshe, le ko mabala a ka agiwang kana a tlhabololelwang teng.

“Lefatshe le teng, ke gore fela re le akanyetsa ditiro di sele, re lebale kgwele ya dinao. Ga ke reye gore ditiro dingwe tsa ditlhabololo ga di botlhokwa, mme go tlhabolola kana go aga mabala, go ka tlhamela baithaopi ditiro mme e bile tatedi ya kgwele ya dinao e ka gola, gone kwa di kgaolwaneng tseo,” Letshwiti a tlhalosa jalo.

O boletse gape fa puso e  tshwanetse go sekaseka mabala a a leng teng a merafe le ditlhopha tse di tshamekang kwa loroleng, go tlhabolola mabala a tsone.

“Puso, mmogo le ba na le seabe kana beng ba mabala ao, e ka dira dipoelo mme kgolo ya motshameko wa kgwele ya dinao e supagala sentle kwa moding, fa gona le mabala a a ageletsweng e bile a na le motlho,” a rialo Letshwiti.

Letshwiti a re go tswa bogologolong puso e ntse e na le maikaelelo a go aga mabala a magolo, selo se a reng se ka phophothelwa legetla. Mme a re, ntswa go le botlhokwa go aga mabala a tebego eo, a gape dikhansele, dikomiti tsa ditlhabololo le ditlhopha tsa kgwele ya dinao kwa dikgaolwaneng, di thusiwe ka madi go tlhabolola mabala.

“A re lebelele mabala a tshwana le a kwa Tlokweng, a kwa ditakaneng, Broadhurst, Mogoditshane, Mochudi, Tsabong le Hukuntsi.

Ke mangwe a a ka tlhabololwang go sa ntse go letilwe go aga a a boitshegang,” Letshwiti, yo gape e leng mogwebi wa popota , a tlhalosa jalo.

Letshwiti a re go botlhokwa go nna le mabala a motlho ka e le one a a ka thusang batshameki ba sale bannye, go gola sentle mo tshamekong. A re melawana ya FIFA le yone e rotloetsa go godisa kgwele mo mabaleng a seemo se se lebegang, ka go dira jalo go ka ngoka babeeletsi mo mererong ya kgwele ya dinao.

“Kana seemo sa mabala a rona, bogolo segolo kwa leroleng, se dira gore batshameki ba sokole thata fa ba fitlhelela go tshameka kwa liking e kgolwane jaaka ya  BTC. Seo se bakwa ke go tlhoka go tshamekela mo motlhong,” Letshwiti a rialo.

O lopile puso le ba na  le seabe go etela mafatshe jaaka DRC, Mozambique le Aferika Borwa, go lekola ka fa mebuso ya koo le makgotla a kgwele ya dinao a dirisanyang ka teng go tlhabolola mabala a dikgaolwana le a dikole.

A re sekidi sa madi a setshaba a mafatshe ao, sa maphata a metshameko, se dirisiwa go tlhabolola metshameko ya kgwele ya dinao le e mengwe, go akarediwa go tlhabolola le go aga mabala.

Letshwiti a re, le fa go agiwa ga mabala e sale kgwetlho, o lebogela kitsiso ya bosheng kwa palamenteng, e go boletsweng fa go tlaa agiwa lebala la metshameko kwa toropong ya Ghanzi. “Go na le bokgeleke jo bo boitshegang kwa toropong ele; batshameki ba teng ba tsaletswe kgwele mme e felela mo tseleng ka go tlhoka mabala le ditsompelo. Go agiwa ga lebala, go tlaa tiisa batshameki moko,” A rialo Letshwiti.

A re fa go ka agiwa lebala kwa Tsabong, le mafelo a mangwe jaaka Hukuntsi, Mochudi, Tswapong, ditlhopha tsa kgwele ya dinao kwa loroleng di ka gola thata, tota le go dira dipoelo ka letsono kwa metshamekong. 

Letshwiti o koneteletse ka gore, lekgotla la gagwe le na le thulaganyo ya moalo wa dingwaga tse supa wa go kokoanya madi a go tlhabolola le go aga mabala a a nang le motlho mo Botswana.

A re gape ba ikaelela go aga kgwele ya dinao le go e tlhabolola go tswa kwa moding, selo se  a reng ba setse ba se simolotse.