Blogs

A e a bo e le mogopolo go eta?

Mo go a mangwe, go bonala go sa nna jalo. Koo, bana ba sa ntse ba tsamaela kgakala go latela sekole go sele.

Pego nngwe e supa fa go ntse jalo kwa Boro, motse mongwe wa kgaolo ya Goo Tawana/ Maun. Ga twe, kwa Boro, ga go na sekole. Mme gore bana ba se ka ba nna fela, go bolelwa fa mo nakong eno, ba tsena kwa Matlapaneng. Go utlwala fa mosepele wa go tswa Boro go ya Matlapaneng o le moleele thata, bana ba tsamaya dikhilomethara di le masome mabedi tsatsi le letsatsi. Se, e se ke e nne selo se se monate ka bana ba tsenwa ke letsapa le lentsi thata. Gongwe e re le ngwana a tsena kwa gae, a fitlhela go se na sepe sa go tshwara legaba, a palelwe ke go itlhomela potwane mo isong.

Godimo ga seo, ga twe batsadi ba tshwenngwa ke gore, ka naga e, ke naga ya diphologolo, bana ba tsamaya ba raletse diphologolo tse di bogale thata jaaka ditlou. E nne mang yo o ka itseng ka tlhomamo gore, a ba tlaa tsamaya, ba bo ba boe sentle, go sa diragala sepe se se maswe mo tseleng? Ga a yo.  E nne go solofela fela gore, ga go ke go diragale sepe sa go nna jalo. Gongwe ngwana ene a tsamaye, ka pelo a opela ‘Rara o nkgoge.’

Mme seemo se ntse jaana, go dirwa jang ka sone? Mafoko a a monate ke gore, go lebega go sa nnwa fela, go sa phuthwa mabogo, ga itlhobogwa. Go utlwala fa go na le mogopolo wa go aga sekole sa mephato e mebedi, go kgaolela bana mosepele wa go tsoga moso le moso, go latela sekole kwa Matlapaneng. Ka dilo ga di dirwe fela ka molomo, ka go bua, di dirwa ka dithata, sebe sa phiri ke gore, madi a go aga, ga a ise a bonwe. Go bonala fa sekole se, se ka bo se sale se agilwe mme se diilwe ke gone gore, ga go na madi. Ka ngwana o sa leleng o swela tharing, go utlwala fa e a re nako le nako khansele e kopanye, modulasetilo a bege selelo sa baagi ba Boro ka go diega ga go agiwa ga sekole se. Mme go ya ka pego, mogang madi a bonwang, tiro e tlaa akofelwa, sekole se agiwe. Go bonya, go diegile, jaaka re utlwa. Fela, a re solofele gore, morafe wa Boro ga o ke o lete lefifi. A re dumele gore, fela jaaka go twe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, e tlaa re kwa morago, sengwe se nne teng; bana ba tsene sekole mo gae, ba tlogele go tsogela Matlapaneng moso le moso, pelo tsa batsadi di wele. E re sekole se tswa, ngwana a sa goroge kwa gae ka nako, go itsiwe fela gore, ke ngwana o diilwe ke go tshameka. Go se ke go nne poifo ya gore, a ruri a sa tlhaselwa ke tlou kgotsa nare mo tseleng. Jaaka gale, re ne ra feta ka Dikgang (Daily News/Mopitlo 2018) mme ra sela pego ya mogopolo o, wa go aga sekole kwa Boro, mo go yone. Temana ya ntlha ya pego e ya re;

‘Fa madi a ka nna teng, mogopolo wa go aga sekole kwa Boro…..le tlaa simolodisiwa…..’

Bala temana e sentle mme o tlaa bona lefoko ‘mogopolo’ e le leina, mme le latelwa ke ‘le,’ e le leemedi. Kgang ya rona gompieno ke go supa gore, lefoko ‘le,’ e le leemedi, ga le a dirisiwa sentle ka ga le nyalane le lefoko ‘mogopolo.’ Phoso ya mohuta o, ga se la ntlha re e bona. Nako nngwe re ne ra bona go dirisitswe lefoko ‘dibui,’mme la latelwa ke leemedi ‘ba.’ Re ne ra bona gape lefoko ‘loruo’’ le dirisitswe le ‘di’ e le leemedi. Re ne ra supa gore, maemedi a otlhe, ‘ba’ le ‘di’ yole, ga a dirisiwa sentle ka ga a nyalane le maina a a dirisitsweng le one. Gompieno gape ke foo, ga twe ‘mogopolo… le tlaa….’   e ntse e le phoso.  Gongwe o tlaa botsa gore, ka se ke phoso, se e leng sone ke eng, ke gore go kwalwe jang? Se e leng sone ke gore, fa re rile ‘mogopolo,’ leemedi e tshwanetse go nna ‘o’ fela jaaka re ka re, ‘Motho o a ja; molao o dirilwe.’ Ka gore, ‘o’ yo ke leemedi, re ka mo tlogela mme ra re, ‘Ó a ja.’ Potso e re mang, mme re re ‘Motho.’ Fela jalo, le ka molao, re ka re, ‘O dirilwe tsatsi jeno.’ Potso e re, go dirilwe eng.? Re arabe re re, ‘Molao.’  Mme le ka mogopolo ole wa Boro, a re re, ‘…..o tlaa simolodisiwa’ e seng, …..‘le tlaa….’

Ka phoso e ya go dirisa leina le leemedi le e seng lone, ke eo , e ntse e a boelela, ke sone se gompieno re botsang gore, phoso e, e direga go rileng; e dirwa/bakwa ke eng? Re botsa gore, a e a bo e le mogopolo go eta; ka nako eo, motho a akantse dilo dingwe di sele, mme a se ke a kwale sentle? A kgotsa, e a bo e le monwana go relela mme o felele o kwalwa se e seng sone? Ga se go rumola ope, ke go batla go itse fela gore, molato e a bo e le eng? motshwanes@yahoo.com