Blogs

Lefoko leo ke lesupi

Ka Ngwanatsele, ba setse ba bona gore mmu o siame, dijwalo di ka itshetlela, ke gone di latlhelwe dijokwe, megoma e tsene mo masimo, seme se lele. Kgomo ke eo, e ne e bidiwa Aforekannere, e goge, e re kgantele o utlwe e suma jaaka mosoko o gana go butswa.

Fa ngwaga e le one sentle, go dike go jewa letlhahula le lentsi, go se dijo dipe tse di kalo tse di rekwang. Thobo le yone e nne teng, difala le disigo di tlale, ngwaga o ye koo, go jewa dijo tsa Setswana fela.

Fa go ka rekwa sengwe, e bo e le go natefisa legano fela, e se gore tota ga go na dijo. Ga nna ga ya, mme morago dilo tsa fetoga. Nngwe ya diphetogo ya nna gore, pula ya ngotlega, ya se ka ya tswelela e na e le ntsi jaaka e ne e ntse e na pele. Batswana bangwe le bone ga bonala ba itsapela temo thuo, ba bona e le tiro e e thata thata.

Ka one mabaka a, le fa gone e se one fela, temo thuo mono gae, ya wela tlase. Lefatshe la rona la se ka la nna le dijo tse di lekanyeng go ka tshetsa setshaba.  Botswana a ikaega thata ka mafatshe a sele go reka dijo kwa go one. Mongwe a bo a ka botsa gore, mme re tlaa ikaega ka mafatshe a mangwe go fitlha kae, ka jaana sotse la makopo ga le na kgodu. Go tlhobaetse.

Go bona seemo se ntse jaana, puso e eme ka dinao go leka go kgothatsa Batswana go tlhagafalela temo thuo, go e rata, le go e dira ka natla, ba tiile moko.

Ba re, motswaiso o tuka ka go kgotlediwa. Jaanong wa temo thuo ke oo, o lebega o tima, kana o tukela tlase. Go leka go o kgotletsa, re utlwa fa gangwe le gape go dirwa meletlo, go tshwarwa dithuto puisanyo, tse mo go tsone go abelanwang megopolo ya go tlhabolola temo thuo.

Dingwe di dirwa ke balemi barui ba le nosi koo, dingwe di dirwe ke balemi barui ba kopanye le puso. Moono o nne mongwefela fela gore, mme tsela e le thata jaana, re gata jang go ya go fitlha kwa re go yang.

Go begwa gore, e ne ya re ka Moranang, ga tshwarwa moletlo wa go nna jaana kwa Machana, o ne o kopanetswe ke balemi ba masimo a Machana le ba bangwe ba Ngwaketse Bophirima.

Mafoko magolo ga twe, balemi ba Machana ba ne ba supa fa dikgwetlho tsa temo thuo, jaaka pula e e boutsana, di ka se ke di ba kgobe marapo mo go lekeng go godisa thobo.

Mme ka tota moono e ne e le go thusanya gore temo e ka tokafadiwa jang, megopolo ya tla ka go farologana. Ga twe, mongwe wa balemi o ne a re, ene o ne a tshwara bokgola ka go sila lotlhaka morago ga thobo; mme gape, lotlhaka lo, lwa thusa go oketsa dikotla mo mmung.

Pego e ya moletlo wa Machana re e tlelwa ke Dikgang (Daily News/Moranang 20 2018) Fa e bega ka fa molemi yo mongwe a neng a leka go thusa ba bangwe ka teng, Dikgang  ya re;

‘…..o kgothaditse balemi go epolola mmu……gore o kgone go tsenya metsi fa pula ena…..’

Temana e, e na le lefoko ‘ena.’

Re buile gantsi thata gore, nngwe ya diphoso tse gantsi di diregang fa go kwalwa Setswana, ke go kwala mafoko a tshwaragana mme tota a sa kwalwe jalo.

Re buile thata ka selo se, ra ntsha dikai, ra bo ra supa gore diphoso tseo, di ka baakanngwa jang. Mme ke tseo di ntse di a direga. Gore di dirwa eng, tota ga re itse. Jaanong, re bona lefoko ke leo ga twe, ‘ena.’

Kgang ya rona gompieno ke go supa gore, lefoko le, ga le a diriisiwa sentle. Boemong jwa lediri, go dirisitswe lesupi. E ka re Mmua a re, ‘Thipa e, e bogale,’  Purere ene a re, ‘Thipa ena, e bogale’ Botlhe ba tlaa bo ba bua ka thipa ba e supa e le fa go bone.’

Jaanong fa re boela fa godimo fale, go buiwa ka pula le go tshwara bokgola mme jaaka re bonye,  ga twe, ‘…..fa pula ena……’ Re e supa e le fa kae pula eo? Ga re e supe, re bua ka yone e tshologa, e tswa godimo.

Potso jaanong e nne gore, go kwala sentle, ke re kwale jang? Ka ga re supe pula eo, go kwala sentle, ke gore re kgaoganye lefoko ‘ena,’ re le dire mafoko a mabedi, re re ‘…..fa pula e na.’ Fa re kwadile jaana, go a utlwala, go tlhalosa se tota se diragalang. Ke eng seo? Ke pula e na.

 Fa ba ruta Setswana ba tlaa re, ‘e’ yo, ke legokedi le le gokaganyang sediri (pula) le lediri (na). Go farologane thata le ‘ena’ yole.

Ke sone se re reng, lefoko le, ‘ena,’ ga se lediri ke lesupi. Re dumalana gore, mafoko mangwe a a tsietsa.

E tlaa re go kwadilwe, o bala, e ne e kete go a balega, go kwadilwe sentle, mme tota go sa nna jalo. Jaanong, a e re re bala Setswana, re ele tlhoko gore, se kwalwa jang. Fa re kwala le gone, a  re ele tlhoko gore, re kwala jang.

motshwanes@yahoo.com