Naledi

Phiri e ntsho e tsositse kgaruru

 

Tiragalo e, ke ya nako ya motshegare ka Sontaga, mme mo go latediseng kgang e, Naledi e ne ya botsolotsa boora Moipolai ba ba supiwang ka monwana, mabapi le se.

Ba re bane ba iketlile mo ntlong, mme ba utlwala modumo wa batho kwa ntle gaufi le jarata ya bone. Ya re ba okomela, ba kgatlhantshwa ke tebego ya phologolo e gotweng Phiri, e e marukhwi, e ba boletseng fa e ba tshositse fela thata.

Ba boletse fa bane ba sala ba gakgametse ka seemo se.

 

“Mmemogolo Aphia Moipolai o ne a mpolelela fa batho ba ne kua bare, boloi! Bangwe ba tsaya dinepe, a re o ne a belalela gore ba ne ba ditseela go di anamisa mo maranyaneng a Facebook,” go bua jalo Omphile Moipolai, ngwana wa lelwapa le phiri e tshabetseng teng.

Omphile o boleletse Naledi mo potsolotsong gore, ka nako ya tiragalo eo, o ne a le motseleng go tswa Aferika Borwa, mme go gorogeng ga gagwemaitseboa, a bolelelwa ka tiragalo e.

Omphile a re o ne a tlhabega maikutlo ale mo tseleng mme a tshoganyediwa ke go bona tiragalo e mo maranyaneng a Facebook.

“Ke bone setlhogo se sereng “Boloi” mo Facebook, mme go lebega phiri e ene e golafetse go supagala fa e ka tswa e ketikilwe ke batho. Go ya ka ditshwantso, go lebega batho bane ba e alotse mme ya iphitlhela ele fa gare ga mokgwatlha wa lelwapa la rona le lelengwe,” Omphile a tlhalosa jalo.

O tsweletse a re mmaagwemogolo one a lemoga fa phiri e, e kgonne go tsena mo lelwapeng ka go re kgoro ya jarata ene e butswe. A re ke ka moo baagisanyi ba bone, mongwe ele wa gaufi le marekisetso a bojalwa, baneng ba thusa go e tswalela mo jarateng ya bone.

“Mmemogolo o ne a leletsa masole mme batla go e tshwara, re bua jaana e seo mo lwapeng,” Omphile a rialo.

A re kgang e ya boloi, gore ke jwa kwa ga bone, e mo utlwisitse botlhoko mme nnete ke gore, phiri ene e lelekilwe ke batho mme ya tshabela kwa ga bone.

“Go utwisa botlhoko gore ba bo ba re golaganya le ditiro tsa boloi mme rona re sa itse le gore tota boloi ke eng,” Omphile a rialo.

Mo potsolotsong le moitsaanape wa diphologolo tse di senyetsang batho, kwa Lephateng la Diphologolo le Makgabisanaga, Stephen Sekhute, bane ba fitlhela phiri e, e setse e tshegeditswe ke masole mo serobeng. Sekhute a re bane ba e kenta mme ba e fudusetsa kwa lefelong la diphologolo le le babalesegileng.

“Re ne ra itsise mapodise ka tiragalo e mme ra ya go e fitlhela e setse e tshwerwe ke ba sesole. Seemo sa yone sene sele kwa tlase, mme jaanong e a sedilega. Ke buisiwa se ke gore Phiri e ntsho jaaka Batswana bangwe ba e bitsa, kana re re o thokwa, ke nngwe ya diphologolo tse di sireleditsweng ka fa molaong,” go tlhalosa jalo Sekhute, a bolela gape fa motho a ka fitlhelwa a e gobaditse kana a e bolaile, a ka atlholelwa kgolegelo ya dingwaga tse supa le P10,000. 

A re bane ba kgalemala le go gakolola baagi ka se ba se dileng go kgobotla phiri e, a re go dira jalo ke molato.

Moitsaanape o, o boletse fa phiri e ka tswa ene e tsoma mme ya tshusiwa ke sengwe, ka jalo ya iphalotsa mme ya iphitlhela ele mo motseng ka moso oo. A re ke tiragalo e, e ka diragalela phologolo nngwe le nngwe. 

Sekhute o tlhositse fa ele bammaruri gore batho bangwe bana le ditumelo tse di farologanyeng jaaka go dirisa phiri mo ditirong tsa setso jaaka boloi. A re le fa go ntse jalo, phiri e ba e fitlhetseng kwa Ledumadumane ke e e tsomang dikgoropa tsa tse di suleng mme ka jalo mosola wa yone ele go phephafatsa naga le tikologo. “Phiri o kgona gape go ja maungo a naga le dijwalo jaaka magapu le marotse mme fela e nna thata kwa nageng.

Maiteko a Naledi a go itshwaraganya le Mogolwane wa kanamiso mafoko kwa sesoleng sa Botswana (BDF) Colonel Tebo Dikole a ne a seka a tlega ka mogala wa gagwe o ne o sa arabiwe.