Naledi

A TAFIC e thusiwe tlhe batho!

Barati le balatedi ba itumetse,e bile ba re, pelo tshwaa boela mannong mmatla sa gagwe o se bonye. Mme le rona re iteela TAFIC legofi keletso e le gore,  setlhopha se, se ka thusiwa sa  nnela ruri mo liking e.

Re itse fa go goroga ga sone mo liking e, go tlaa se ke go nne bonolo ka ntlha ya gore liki e, ke e e thata malatsi ano, se jaanong se e dirang gore e nne bokete go gaisa liki e TAFIC  e tlang e tswa kwa go yone, e leng ya Debswana.

Ka go rialo, re solofela gore TAFIC e tla e itse se, bogolo jang ka e setse e kile ya tshameka mo go yone dingwaga di le dintsinyana ka go farologana ga tsone. E ne e fologa, e pala, e bo e fologa gape.

Se re eletsang go se lemotsha banni botlhe ba Francistown le bagwebi ba koo, ke gore motshameko wa kgwele ya dinao kwa Francistown,  o montsi thata. Go na le batshameki ba ba talente e ntsi, e bile bangwe gape ba le tlhwatlhwa kgolo.

Bothata fela ke gore ditlhopha tsa toropo kgolo e, di dintsi thata go feta palo e gongwe motho a neng a ka e solofela. Se se dira gore batshameki ba ba neng ba ka thusa setlhopha se, le sengwe, kgotsa tse pedi, ba kgaogane ka ditlhopha tse di fetang thapo tsa leselo.

Palo e ntsi e ya ditlhopha e bo gape e dira gore barotloetsi le bone ba kalege matlho go bona gore tota ba ka thusa setlhopha sefe go dira sentle mo liking, mo jaanong ditlhopha tse di felelang di se na mashetla ka dinaledi di gasame le ditlhopha.

Ka jaanong setlhopha sa Ghetto se palametse kwa godimo mo BTC, re eletsa fa ditlhopha tsa teng di ka thulanya ditlhogo, go tswa ka tharabololo e e botoka go thusa setlhopha se go nnela ruri mo liking ya BTC.

Mogopolo mogolo kgotsa wa konokono re eletsa e ka nna wa go thusa TAFIC ka batshameki botlhe ba ba nang le bokgoni jwa go thusa go tshameka sentle mo liking ya BTC.

A setlhopha sengwe le sengwe se ititeye ka thupana gore se eletsa gore fa se na le motshameki yo o popota, se mo neele TAFIC  pele ga ditlhopha tse dingwe di ka mo tsaya.

Go dira jaana go tlaa thusa gore, fa e le gore batshameki bao, ditlhopha di a ba batla, di tlaa ba reka kwa TAFIC gore le yone e kgone go dira madi a bone.

Gape, fa TAFIC e ntse e nna popota go ka mekamekana le mekaloba ya BTC, boradikgwebo le dikompone ba ka tiya moko mme ba e thusa ka madi.