Naledi

Motho ga a tswe tema

Ga twe phuthego e, e ne e tshwaretswe kwa kgotleng ya Extension 17 gone kwa Palalpye, mme mo go yone, mapodisi a ikuela gore morafe o ba thuse go lwantsha borukutlhi.

Potso e ka nna gore, fa mapodisi a tlaa kopa morafe go thusa, thata go ne go rileng, ba le mapodisi, ba tshwentswe eng? Ga twe e rile a bua, ramapodisi wa Palapye,

Superintendent Ramaja, a re batho bangwe mo Palapye, ba rotloetsa borukutlhi ka go bipa mpa ka mabele. Go bua jaana, o ne a raya gore, batho bangwe ba loba dilo/melato, seo e le go sireletsa batho bangwe ba ba ba itseng.

A tswelela a bolela fa gantsi ba lemoga dilo tsa go nna jaana, fa go tshwerwe dikgang, bangwe ba tlaa re dikgetsi, tsa bogodu jwa loruo. Ga twe o ne a re, magodu a loruo fa a tshwerwe, mme a tshwanetse go lebisiwa molato wa go utswa, a re a tlaa tlhatswa tshipi.

Gongwe o ka botsa gore, tshipi e, go a bo go tlhatswiwa efe, e tlhatswiwa jang? Pego ga e tlhalose gore tshipi e, ke efe, mme re dumela gore, go tewa letshwao la dikgomo la serope. Letshwao le, le dirwa ka tshipi.

Go diriwa ditlhaka tse e leng leina la mong wa kgomo ka tshipi di bo gape di direlwe mokgothi matshwaro ka tshipi. Fa go tshwaiwa kgomo, letshwao le, le besiwa mo isong gore le gotele.

Fa le setse le gotetse mo go lekanetseng, le a ogolwa, le bewe mo seropeng sa kgomo, mme go twe kgomo e a tshwaiwa, kana e tshubiwa ka tshipi. Ka go dirisiwa tshipi go tshwaya kgomo, letshwao le, le bidiwe tshipi mme le nne sengwe sa dilo tse kgomo e ka kaiwang ka tsone.

E le sekai gape, a re re, Thulare o timeletswe ke kgomo e tshwailwe BXY. Fa a batla kgomo e, Thulare o ka e kaya /bolela ka mmala mme a tlatsa ka gore, e na le tshipi ya BXY.

 O tlaa bo a raya gore, e tshwailwe BXY ka yone tshipi ele, e e rileng pele ga e dirisiwa, ya gotediwa. Re dumela gore, tshipi e, ke yone e e reng magodu a iphemela, a re, a tlaa e tlhatswa.

 Ga twe go tlhatswa tshipi mo, ke go duela yo o utswetsweng. O nne o botse gore, a duelwa jang?

Go ya ka pego, ga twe, e ka re fa motho a utswetwe kgomo, ya re kgang e tshwanetse go ya kwa mapodising, legodu la kopa mong wa kgomo gore le tlhatswe tshipi.

Fa ba dumalana, yo o utswileng, a ntshe dikgomo tse pedi go duela ele, e a e utswileng. Mme tse le tsone, a di utswile, e se tsa gagwe.

A re ntshe sekai  re re,  ka fa go begwang ka teng, Dikgethe o ka utswela Thulare kgomo. Fa Thulare a re o ya kgotleng, go ya go bega kgang, Dikgethe a kope gore (ene Dikgethe) a tlhatswe tshipi. Thulare a dumele, Dikgethe a ntshe dikgomo di le pedi a mo duele. E bo e le fa kgang e fedile. Boemong jwa kgomo, Thulare a bone kgomo tse pedi.

Fa go nna jaana, go se ke go siame ka gore, molato ke oo o dirilwe. Dikgethe o utswile mme jaanong kgang e atlholwa fela koo, ka tsela e e seng  yone, e e sa tlhamalalang.

E, e nne yone kgang ya go bipa mpa ka mabele, e e tshwenyang mapodisi, ka e rotloetsa borukutlhi.

Fa e bega ka fa ramapodisi a neng a kopa morafe go thusa ka teng, Dikgang (Labotlhano  Mopitlo 31 2017) ya re; O ne a kopa morafe go tshwaragana le mapodisi go bo lwantsha, a re ke morafe fela o ka ba tswang tema...’

Fa re bala temana e, re utlwa sentle gore, mafoko a, e ne e le kopo ya ga ramapodisi, a kopa morafe go thusa go lwantsha borukutlhi jo go tweng bo golela pele kwa Palapye.

Mme fela se re batlang go se go lemotsha ke gore, lefoko ëgo tswa tema,í ga le a dirisiwa sentle. Gompieno ra re, motho ga a tswe tema. Setswana sa re, tiro e tswa tema, se raya gore e a tswelela, e dirwa sentle. Motho ene o tsewa tema, go rewa gore, o a thusiwa.

A re re, Monwedi o a rema, o a agelela. Fa a ntse a le foo, Dikgethe o a tsena, o a mo thusa.  Gone  fa, Setswana se tlaa re, Dikgethe o tsaya Monwedi tema. A re tswelele re re, ka Monwedi o tlhotse a thusitwe ke Dikgethe, tiro ya gagwe e wetse, o kgonne go agelela lesaka lotlhe.

E tlaa re a bua ka tiro e, Monwedi  a re, e ne ya tswa tema; ke gore,  ya tswelela  pele, ya wela, ka Dikgethe o ne a mo thusa kgotsa a mo tsaya tema. Motho o tsewa tema, tiro yone e tswa tema.