Blogs

Ga se 'Dikoko ga di ke...'

Go ya ka pego, fa bao ba tsamaya, ga bo go le bangwe ba ba neng ba beilwe leitlho go ka tla go thiba phatlha ele. Ga se ka ga nna jalo. Bale ba ba neng ba solofetswe go ka tsena foo, ba se ka ba supa epe kgatlhego ya go dira jalo. Sa tlhaela sepane. Mme e ka re se tlhaetse, tsa goga jang? Di goga bokete, mosepele o nne bonya, gongwe le go goroga, koloi e se ke e goroge kwa e go yang; go tlholwe kgotsa go lalwe nageng. Mme le gale, fa sepane se tlhaela, mme o di kgweetsa o di neneketsa, di a ne di ema di e kgwa mowa, mosepele o a tle o felele o wela, di goroge kwa gae. Jaanong, a re solofele gore, le ya Bathoen !! Trust koloi, e tlaa nna e totobe mme golo gongwe e fitlhe teng.

Kwa ntle ga gore komiti ya lekgotla e tlhaelelwa ke maloko, ga twe lekgotla le lone, ga le na madi. Re tlaa tsaya gore, a ke madi a ka one, lekgotla le batlang go dira ditiro dingwe tsa lone, tsa go tlhabolola motse wa Kanye. Motswana a re, ‘Nkgodi go lelalwa yo o tshotseng.’ Gape a re, ‘Tsele (letsele/lebele) la podi go thetsiwa le sisitseng.’ Go bua jaana, Motswana o raya gore, motho o kopa thuso kwa a solofelang a ka e bona teng. Jalo he, re utlwa go twe, e rile go bona le tlhaela, lekgotla la kopa madi mo go boradikompone mme la se ka la bona sepe; la tla le iphotlhere. Jaanong, le se na madi, leka tswelela pele jang? Go nna thata.

Godimo ga tse tsotlhe, go utlwala fa kgang e tona, e le ya setsha. Pego ya re, Bathoen !! Trust, e ne e kopanetse setsha le sekole sa thuto ya diatla, sa Ramatea, di dirisa lefelo le le lengwe mmogo. Ba nna mmogo foo, mme kwa morago ga se ka ga nna le tirsanyo e ntle fa gare ga bone. Go utlwala fa go ne go dirisiwa metsi le motlakase. Katshwanelo bobedi jo, bo ne bo tshwanetse go rwadisanya morwalo, jwa duelela dilo tse mmogo. Go bonala fa go ne ga se ka ga nna jalo. Sekole sa se ka sa duela sepe jaaka e ne e le tshwanelo. Morwalo ya nna wa Bathoen !! Trust fela, le ntswa go twe, bontsi jwa setsha, le one metsi le motlakase, di ne di dirisiwa ke Ramatea.

Selo se, sa se ka sa itumedisa Bathoen !! Trust mme ya felela e kgaogana le Ramatea go se monate. Ga twe bana ba sekole ba ne ba lotlelelwa ka kwa ntle, boeteledipele jwa sekole jwa bolelelwa fa mosepele wa Trust le Ramatea o feletse gone foo; o fedile ka yone nako eo. Re utlwa gore, go direga jaana, go na le melala ya metsi ya P90,000.00.

Re a bona ga se morwalo o o motlhofo, o bokete thata. Ka more/molemo wa kgang ke go buiwa, gat we, Trust e boletse fa e sa ntse e tlaa kopana le koporase ya metsi go bona gore, melala e, e ka duelwa jang, Ga re itse, fela re solofela gore, go tlaa duelwa, mme kgang e fele sentle, e seng ka tsela epe, e e botlhoko.

Fela jaaka gale, re ntse re ikamile Dikgang) (Daily News/Moranang 16, 2018) mme re sela kgang e ya Bathoen !! Management Trust mo go yone.

Fa e bega ka mongwe yo e reng o ne a bua ka go tlhoka go dirisanya sentle ga Bathoen !! Trust le sekole sa Ramatea, Dikgang/Daily News ya re, ‘o ne a re, dikoko ga di ke di tlhakanya mae…..’

Se re batlang go se supa gompieno ke gore, motho yo o neng a bua mafoko a, o ne a leka go netefatsa Setswana mme a tlhaela, a se ka a wela sentle. Re itse gore, dikoko di a tle di tlhakanye mae, di tsalele golo go le gongwe, mme morago mae ao, a se ke a thujwe sentle.

Fa di thuba, mae mangwe a thujwe sentle, a tswe dikokwana; a mangwe a se ke a thujwe a sale e le dirua fela, gongwe a bole. Gongwe motho yo re utlwang go twe o ne a re dikoko ga di ke di tlhakanya mae, o ne a gopotse seemo sa go nna jaana. Re tlaa re o ne a leka mme a se ka a wela, a fapoga seane se tota e leng sone.