Naledi

Bakgweetsi ba dubaka Paseka

 

Mookamela mapodise a Gaborone Central, Superintendent Vincent Pitseetsile o boleletse Lokwalodikgang la Naledi gore ntswa mo malatsing a paseka a ne a sena ditiragalo tse ntsi tsa borukhutlhi, ba amogetse dipego tse di mmalwa tsa bakgweetsi ba ba sa babaleleng matshelo a bone le a bakgweetsi ba bangwe.

Pitseetsile a re mo kgaolong ya gagwe, ba nnile le dikotsi tse dipotlana di le thatharo, tse mo go tsone go senang ope yo o golafetseng. A re ba kwadisitse dikotsi dile masome matlhano le borobabongwe (59). Mo go tsone, bakgweetsi ba le bararo (3) ba lebisitswe molato wa go kgweetsa ba itontetse bojalwa, mme badira molato bao, ba tla isiwa kwa lekgotleng la ga makaseterata go arabela melato ya bone.

Rre Pitseetsile, a re mo go ba ba masome matlhano le borataro (56), bakgweetsi ba ne ba tlhagisiwa ka melato e ba e bakileng mme ba filwe malatsi a le lesome le bone go duela melato ya bone. Melato e ba e lebisitsweng ke ya go kgweetsa bohahalela, jaaka go sa obamela matshwao a tsela, go kgweetsa ka lobelo le le ko godimo le go dirisa megala ya letheka ba kgweetsa. Mo di tiragalong tse dingwe, Pitseetsile a re ba santse ba tlhotlhomisa ditiragalo tse tharo tsa go thubiwa ga matlo, a bolela fa dingwe di diragetse le penne kwa kgaolong ya mmadikolo (UB) le Village, fa ntlo nngwe e thubilwe ka nako tsa lotlatlana kwa extension 5 mo Gaborone.

A re tse pedi, ke go thubiwa ga diofisi kwa sepateleng sa Princess Marina le kokelwana ya Extension 2. Pitseetsile a re tiragalo e nngwe e ne e le ya go thubiwa ga dikoloi tse tharo, e ntse e le mo kgaolong ya gagwe mme ba tsweletse ka ditlhotlhomiso tsa ditiragalo tsotlhe.

Motshwarelela mookamela mapodise a Tsabong, Assistant Superintendent Keagetswe Lorato a re ba kwadisitse ditiragalo tse dipotlana ka malatsi a Paseka. Mo go tsone, ba tshwere bakgweetsi lesome le boferabobedi (18) ka melato e e farologanyeng.

Lorato o tlhalositse fa bakgweetsi ba le barataro (6), ba lebisitswe molato wa go kgweetsa ba itontetse bojalwa, mo go bone ba le batlhano e le borre le mme a le mongwe. A re, fa ba ka bonwa molato lekgotla-tshekelo, ba ka lebanwa ke katlholo ya go kgweetsa ba nole bojalwa go fetisa selekanyetso se letleletsweng ka fa molaong. A re ka nna go amogwa setlankana sa go kgweetsa le go lopiwa tuelo ya makgolo a matlhano a dipula (P500). 

E ntse ele kwa Tsabong, Lorato a re ba lebisitswe beng ba dikgwebo tsa marekisetso a bojalwa melato ya go bula dibara pele ga dinako tse di letlelesegeng. Fela jaaka ba dira melato, ba otlhailwe ka melwana ya taolo dikgwebo tsa marekisetso a bojalwa.

Lorato a re ba ne ba begelwa ka tiragalo ele nngwe ya go lekana ka tse dijang bogobe. A re mo go yone tiragalo e, monna yo o dingwaga tse di masome a mabedi (20) wa kgotlana ya Bogosing, le mosadi yo le ene a leng dingwaga tse masome mabedi wa kgotlana ya Bontleng, ba neng ba tlhoka kutlwisisano kwa lefelong lengwe la maitiso mme ba suputsana. A re bobedi joo, bone jwa lebisiswa molato wa go tlhoka boitshwaro mo sechabeng.

Ya re a konelela potsolotso, Lorato a bolela fa go nnile le kgetse ele nngwe ya bogodu jwa diphologolo. A re banna bale bararo ba ba dingwaga di magareng ga masome a mabedi le bosupa, le masome a matlhano ba thusang mapodisi ka ditlhotlhomiso tsa go hula le go bolaya diphuduhudu tse tharo. A re ditlhotlhomiso di tsweletse mme banna bao ba tla itshupa kwa lekgotla tshekelo mo bo gautshwaneng, le fa ba santse ba disitse poo.