Naledi

Tlou e gata ka eng?

Mabitla a go robetseng Marara a ntlo kgolo ya bogosi jwa GaNgwaketse SENEPE: ZOLANI KRAAI
 
Mabitla a go robetseng Marara a ntlo kgolo ya bogosi jwa GaNgwaketse SENEPE: ZOLANI KRAAI

Ba re, le fa gone ba ne ba ntse ba sa ye ga Mma Ditshe, e ne e se gore ba mo latlhile. Ba re e ne e le fela gore, letsatsi lele, ba ne ba sa fitlhela sepe kwa ga gagwe. Mme ka ba ne ba ka se ka ba tlhola fela, ke gone ba ya go wela kwa ga Sega.

Jaaka re ne ra bona nako ele, fa ba tsena koo, ba fitlhela go na le sengwe sa go ka fetisa letsatsi.  Ka go utlwa go sa farologane thata le ga ga Mma Ditshe, dinao tsa bone tsa simolola go tlwaela ga Sega, e kete ba tlaa lebala Mma Ditshe.

A mme tota ba ne ba ka mo lebala? Nnyaa, ba ka lebala o sele, e seng Mma Ditshe; yoo, ba le bantsi ga ba mo atamele.

Ba re, la gagwe lebogo ga le ke le fapoga gope. Ga go ke go twe o apeile segau, o tlhaeditse momela, kgotsa o okeditse ka metsi; tseo ga a di itse. Fa ba mmolela ba re, ga gagwe ke kgatsele ya tau.

Go gopola kgatsele ya tau, ba tswa ka kgoro ba wela tsela. Ba ile koo ba tlhatlositse dinao, go se ope o batlang go salela morago.

A sale, a tloge a ye go wela maupong, a fitlhela ba kodumeditse? Nnyaa. Fa ba atamela, ba utlwa batho ba bua ka mantswe a tlhatlogetse godimo.

Ba dumela gore, kgang ga e ke e nne ya nako ele, gompieno sengwe ba tlaa se fitlhela. Ga nna jalo, ba di fitlhela di phophoma.

Ba mo fitlhela Mma Ditshe, ba mo dumedisa. Ya re go ba bona, a hakgamala thata, mme fela a itumela. A botsa basimane gore, nako e yotlhe, ba ntse ba le kae.

Ba araba ka gore, ba ne ba sa mo latlha. Ba re, ba ne ba sa ntse ba ile le thota e nngwe go bona gore koo  mahulo   a ntse jang. Mma Ditshe a dumalana le bone a re, ga go re motho a itire letsatsi, a tsamaye tsela e le nngwefela ka malatsi otlhe.

A re, ga re nako nngwe, motho a ne a bona thota nngwe a e palama, jaaka ba dirile, ke gone a tlaa itseng lefatshe, a itse botshelo. Botlhe ba dumalana, boitumeo e le bo bogolo.

Go ne go setse go le ditshokologo, letsatsi le sa lele le tserema. Morago ga go dumedisa, basimane ba fetela ka kwa morago.

Fa ba tsena koo, ba fitlhela go tletse, batho ba ntse digongwanagongwana, ba ikabile ka ditlhare tsotlhe tse di foo. Ba ipotsa gore, le le bogale jaana, ba tlaa le tshabela kae. Go bona go se na manno ka kwa mahuri, ba boela ka kwa pele, ba feta ba nna ka fa tlase ga setlhare sa mogotlho se se ka kwa ntle ga lelwapa.

Ba le foo, ba kopa phafana go ultwa gore go ntse jang. Ya tla, a e atlarela Monwedi, a hupa, a tshikhinya tlhogo, a rumaruma; a fetisetsa kwa go Tshetlha. Tshetlha le ene a hupa, a metsa, a fetisetsa kwa go Dikgethe. Fa botlhe ba se na go hupa, ba dumalana gore, go apeile ene Mma Ditshenyegelo tota, e seng ope gape.

Ba re ke yone kgatsele ya tau tota.  Ba e bitsa emetshane ya gale. Ya bo e le fa ba thibeletse ka fa tlase ga mogotlho. Sa tla ka molomo, dikgang le tsone tsa tla, go buiwa ka sele le sele.

Fa ba ntse ba le foo, ga tla ba bangwe gape ba le bararo, le bone ba feta ba bitsa ya bone emetshane, ba nna foo. Sa tswelela sa tla ka molomo, dikgang le tsone tsa nna dintsi. Tsa basimane, a di a tle di fele. Ga selwa kwa le kwa.

Fa di ntse di tla, Monwedi, wa gale, a botsa gore tlou e gata ka eng. Basimane ba bangwe ba hakgamalela potso eo, ba mmotsa gore, o raya jang.

Ya bone potso kwa go ene ya nna gore, a tlou ga ena leoto? A araba ka gore, tlou e na le leoto mme o botsa gore, go gata gone, e gata ka eng; a re, motho o na le maoto mme o gata ka lonao, sebatana se gata ka leroo, phologolo e gata ka tlhako. A  re, mo dilong tse tharo tse, tlou yone e gata ka eng?

Bale ba araba ka gore, ka tlou le yone ke phologolo, e gata ka tlhako. A fela a ntse a gana Monwedi a re, tlhako ya kgomo le diphologolo tse dingwe e lephatlo; ke gore e phatlotswe.

A re ga tlou gone ga go a nna jalo, jaanong, ga go ka ke ga twe ke tlhako.

Ba bangwe le bone ba gana ba re, le fa tlhako ya tlou e sa phatlolwa, gone e ntse ke tlhako fela jaaka tlhako ya tonki le pitse e sa phatlowa mme e le tlhako. Go utlwa karabo e, a ineela Monwedi, a dumela gore tlou e gata ka tlhako. Wena wa reng? motshwanes@yahoo.com