Naledi

A re obameleng melao

Bontsi jwa batho ba dumela gore molao o direlwa go re gatelela, go re itsa go dira dilo ka fa re ratang ka teng. E re motho a ne a batla go dira selo ka tsela nngwe, molao o mo thibele, o mmolele gore a dire selo seo jang, eo e le tsela e ene a sa e batleng.

A re lebelele ka fa re dirang ka teng mo ditseleng tsa rona. Bontsi jwa bakgweetsi  ga ba obamele melao ya tsela, le fa e le one matshwao tota. Molao wa re, o le mokgweetsi, o se ka wa tsamaya ka koloi e ka tsela nngwe, e sa itekanelang . Bakgwetsi  bangwe ba tlhokomologa molao o, ba bone fa e se sepe. 

Nako nngwe motho a tsamaye ka koloi e se na dipone, mme go le bosigo.  A dira jaana mo tseleng e e tletseng loruo, mo e ka reng golo gongwe, a lo thula a sa lo bone ka ga a na dipone. Mme go nne jang? Go felele ka kotsi e e botlhoko, motho a tlhokafetse, koloi e senyegile. Hularong sa gagwe, go sale bohutsana jo tota bo neng bo sa tshwanela go nna teng.

Ipabalelo tseleng e gatelele gore, a re se nwe re kgweetsa; e re, go nwa le go kgweetsa ga go tsamaelane.

Bangwe ba nne ba tlhokomologe mafoko a, ba nwe. E re le motho a tsena mo koloing, a bo a ntse a lelala fela, ka o dumela gore, o tshwanetse go tsamaya a tshotse mhago.

Oo mme tota e se mhago wa go pakiwa, ka gantsi le one o felela o tsala tse di botlhoko, o tlholetse bangwe dilelo. E re koloi e phadimoga, a ka bo a e tshwara, a retelewe, ka o setse a koafaditswe ke dino. Kotsi e dirafale; mo gongwe e tseye motho yo tota a neng a se na molato; a tshelegelwe ke madi a kgofa.

Se ke sekai  fela sa gore, gantsi, re tlhokofadiwa ke go itlhokomolosa melao e tota e diretsweng go re sireletsa, re bone fa e sa tlhokafale. Jaanong Batswana,  a re obameleng melao yotlhe ya fatshe jeno. E diretswe go re babalela, e seng go re gatelela.