Naledi

Ba tshwaretswe go rekisa bojalwa ba se na diteseletso

Tiragalo e, e diragetse ka malatsi a Paseka. Go ya ka puisano ya Naledi le motshwarelela ramapodisi a Mahalapye, Assistant Superintendent Ketsano Jankie, basadi bao, ba gweba ka go rekisa bojalwa mo malwapeng kana e le bommasepoto jaaka go tlwaelesegile.

A re ba ne ba longwa tsebe gore go na le bangwe ba ba dirang tiro eo mme ba ya go phuruphutsha kwa malwapeng a basadi bao.

Jankie o boletse fa mo kgaolong ya gagwe, melato ya go rekisa bojalwa go se na diteseletso e gola.

A re, ditlamorago tsa seemo se, di baka melato e tshwana le ya dipetelelo, go thubiwa ga matlo, le dititeo.  Rre Jankie a re ba swaba nko go feta molomo go bona basadi e le bone ba ba di gogang kwa pele, go na le banna, mo go rekiseng bojalwa ba se na diteseletso.

A re, motho o ka ipotsa gore, ka basadi e le bone ba ka gakololang bana kana banana botoka ka tiriso ya dino, ke eng jaanong e le bone ba nnang kgatlhanong le molao.

O tsweletse a re, fa motho a dirile molato wa go nna jalo, gantsi o duedisiwa madi a a seng kwa tlase ga makgolo a matlhano a dipula(P500.00).

Mo tiragalong e nngwe, Jankie a re ba tlhotlhomisa ditiragalo tse tharo tsa go thubiwa ga matlo tse di diragetseng ka malatsi a boitapoloso.

A re ba begetswe ka ditiragalo tseo ka Matlhatso mme go supagala fa di diragetse bosigo jwa Labotlhano kwa dikgotlaneng tsa Xhosa 1, Parwe le Tshikinyega.

O bile gape a re, bontsi jwa dithoto tse di utswilweng ke tsa tiriso ya motlakase, jaaka tsa ditshwantsho tsa motshikinyego le diwaelese.  A re ba tshegeditse makawana a le mararo a dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le botlhano, go ba thusa ka ditlhotlhomiso, mme ba tlaa itshupa kwa ga Mmakaseterata morago ga ditlhotlhomiso.

A re ntswa ka Labone le Labotlhano go ne go le tletse thata mo marekisetsong le mo ditseleng, ga ba a kwadisa epe melato kwa mapagamelong a dibese ka jaana mapodisi a ne a potiela ka dipalo tse di kwa godimo.

O boletse fa go theogela bosigo ga bone ka dipalo tse dintsi go thusitse go laola maikutlo a batho mo mebileng le kwa maitisong a bosigo.

“Go a supagala gore Batswana ba ntse ba reetsa dithuto tsa rona tsa boitshwaro, mme e bile re a ba akgola. Re eletsa gore le mo dingwageng tse di tlang go nne le tshisibalo e e kalo mme le bone ba ba eletsang go tsena mo kgwebong ya go rekisa majalwa, ba dire jalo ka go kopa diteseletso,” a rialo Jankie.