Naledi

Police IX e gwetlha sejana sa BOFiNET

Borre ba mapodisi ba dikile ba meletsa setlhopha sa bomme sa bone mathe jaaka fa bane ba rwala korone ya bafenyi ngwaga tlola. Go itshupile gore monongwaga ba tla ba shenne meno ka go garaswanya basireletsi ba sejana Wells, le diselammapa tsa bone BDF 1X go fetela ko makgaolakgannyeng.

Mo leroleng le neng le beta mokodua mo ntweng ya dithopha tse di bofera-bobedi tse di gaisitseng mo mafelo a beke tse pedi tse di fitileng, Police IX e ne ya ripitla Wells ka dintlha tse 5-4 pele e garaswanya BDF 3-2.

Police IX, e tla bo e ikgatile serethe e letile mofenyi go gareng ga Wells le BDF, ka Matlhatso a beke eno. E tlaare morago ba kampane le mofenyi oo mo motshamekong o o tla supang se se rwalang korone. Metshameko eo e tla bo e tshwaretswe kwa lebaleng legolo la National Diamond kwa Gaborone.

Go iponna phatlha ko metshamekong ya tse tharo tse di setseng, basireletsi Wells ba ne ba gana go utlwa lemao la Police IX mme ba boa ba le ngata e e tiileng, morago ga tatlhegelo eo, mme ba fenya Bears 2-1 le go kgaphela ntle mo kgaisanong Rail Giants ka 6-4.

BDF ba e leng bone setlhopha se se nosi se se gapileng kgaisanyo e ka tatelano mo ngwageng tse di fitileng, ba gorogile koo ka go nota Panthers 5-0 pele ga tatlhegelo ya Police. Phenyo eo ya bo e lekane go ba fitisetsa ko go tse tharo tsa bofelo. Wells e dikile e padimotse BDF 5-3 fa bane ba ne ba fenya bosimega ja liki e. Moeteledi pele wa bone, Gontlafetswe Batsetswe a re maikaelelo a bone ke go fetsa ka setlhopha sa BDF, mme ko morago ke gone ba akanye go sireletsa bosimega kgatlhanong le Police e emetseng mofenyi ma gareng ga bobedi jo.

A re ipaakanyo ya bone ke e e mashetla mo setlhopheng sa gaabo, ka ba ipaakanyetsa go lebagana le setlhopha se se agilweng ka banna tia ba sesole. O supile fa ntwa kgatlhanong le borre ba e seke e nna bonolo. A re ba mapodisi bone e ne e le kgetho la ntha ba ba suputsa e sale ngwaga tse pedi tse di fetileng.

“Ga re batle go metsa re ise re tlhafune. Re ipaakanyetsa BDF mme fa re sena go feta ka bone, ke gone jaanong re ka akanyang ntwa ya bosimega kgatlhanong le Police. Mo motshamekong wa rona le Police, re lemogile fa ba itlhokoditse sentle, mme le gale re malala a laotswe ka maitemogelo a bone.” Mo letlhakoreng la bomme, Vikings ba itiretse tiro bonolo ka go padimola Titans 9-1, le go nota basireletsi Police 4-1. Diphenyo tsa bone di ba beile ko godimo kwa ba emetseng setlhopha se se tla fenyang magare ga Police le Panthers.

Jaaka Wells le BDF tsa borre, motshameko wa bomme wa Police le Panthers le o ne ke ipoeletso ya motshameko wa makgaolakgang a ngwaga tlola. Mo motshamekong oo, Police e ne ya nota Panthers 9-3 mme seo se ka kgothatsa Police go ka fetela ko makgaolakgannyeng.

Mo tseleng ya bone go goroga ko go tse tharo tse di setseng, Panthers e fentse Orapa Carats 11-2 pele e sutlha ka phatlha tsa menwana ka 4-3 kgatlhanong le Titans. Mo motshamekong wa bone wa ntlha, Police yone e ne ya fenya Wells 9-6, pele ba ketekwa 4-1 ke Vikings. Tatlhegelo ya Vikings ya seka ya ba thibela go fetela pele.

Mothusa mookamedi wa Police, John Nkwane o supile fa maikaelelo magolo a bone e le go dira ditso ka go nna sone setlhopha sa ntha mo BoFiNet go gapa bo mmampodi, ka dithopha tsotlhe sa borre le sa bomme ka nako ele nngwe.

Nkwane a re tshameko ya bone e e godileng ngwaga ono, ga se dilo tsa lesego. A re bane ba boela morago go ikaga sesha, morago ga setlha se se fitileng go baakanya fa baneng ba tlhaela teng.

“Ke makgetho a le mmalwa lesego le re tswa diatleng, re latlhegelwa ka ntlha kana ka tse pedi re lebile makgaolakgang. Ka jalo re ne ra boela ko tafoleng go ithulaganya, mme ra simolola go bereka ka natla, ke ka moo re leng fa re leng teng gompieno.”  “Re na le tumelo e kgolo ya gore bomme le bone ba tla kgona go fenya, mme le borre ba supile maitemogelo a magolo le lenyora la go nna bo mmampodi. Keletso ya rona ke go dira ditso jaaka setlhopha sa ntha go fenya ntlheng tsotlhe, ko go borre le ko go bomme,” ga tlhalosa jalo Nkwane a tiile moko.