Naledi

Kgalapitse, Mawelana, di natefisitse Paseka

Nngwe ya dikhwaere tsa mo gae e supa bokgeleke
 
Nngwe ya dikhwaere tsa mo gae e supa bokgeleke

Kwa Kgatleng gone, jaaka e le tlwaelo, go a bo go ne go dubegile kwa mabaleng a dikopelo ka go farologana ga one. Kwa Oodi, ntwa ya bo e le fa gare ga khwaere ya Kgalapitse le Mawelana go tswa kwa Mochudi.

Ntwa ya dikhwaere tse pedi tse, e simologile ka Matlhatso bosigo, go fitlha bosigo jwa Sontaga.

Go ne go bonala gore ke dikhwaere di ntse di batlana ka matlho a mahibidu, bogolo jang ka go ne go utlwala gore Kgalapitse e ne e kopile Mawelana go thulana le yone mo kgaisanyong ya malatsi a keresemose, le ngwaga o mosha, monongwaga.

Ka madimabe, Mawelana ya se ka ya amogela kopo e, mme se sa tlogela Kgalapitse e bona gore Mawelana e ba lebela tlase e bile e a ba nyatsa.

E rile phala go lela ka Matlhatso, go bolela fa dikhwaere tsotlhe di gorogile kwa lebaleng la ntwa la Fast XI, barati le balatedi ba tsone,le bone ba mmino o wa dikopelo tsa Sekgatla tota, ba atamela go itseela sentle ka tsebe go itsa go utlwa ka batho ba bangwe.

Ka e le dikhwaere tse di mashetla ka bobedi, Kgalapitse, jaaka gale, ya bo e gogwa kwa pele ke motlhami wa dipina tsa dikopelo yo o tumileng thata go ralala kgaolo yotlhe ya Kgatleng, Dintwe ‘Machine’ Digangwa, fa Mawelana yone e ne e gogwa ke Dira, monna yo o jang bogogo. Banna ba babedi ba, ba na le ka fa ba tshwanang ka teng. 

Botlhe ba kile ba taboga thata mo lebaleng e le batshameki ba kgwele ya dinao, ka nako ya ba sa le basimanyana.

Ka dikhwaere ga di ke di tlhoka go tlhaselana ka dipina, le mo letsatsing leo, dikhwaere tse ka bobedi tsa dira jalo. Kgalapitse ya bolela fa monna yo Dintwe e le Junior Lecture mo mererong ya dikopelo tsa Sekgatla.

Ba tswelela ba bolela gore kana monna o bidiwa Machine, ka boammaaruri e le one motshini wa kgailo.

Pina e nngwe e e neng ya ratwa thata ke batho, e ne e le e e buang ka go tshwarwa ga nkwe.

Ba re, ga twe e putlwa ditsebe, fa bone kwa Kgalapitse, ba e tshwere, jaanong ba e rwesa mmolopita gore e tshabe, e ye go swela kwa Rhodesia.

Mawelana yone ya re ke khwaere e e opelelang batho botlhe, mme fela, tota yone ga se makgatlhanna thapong. 

Ya tswelela ya re, mo letsatsing leo, e tsile go ruta le go supegetsa Kgalapitse gore, tota fa go twe phadisanyo, go tewa eng.

Ya boa ya bolelela Kgalapitse gore, ga e tshosiwe ke ntsa ya mokashe, e e lomang ka go ngwangwaela, e itsetile ka mogatla. Ba re, fa e le molao o wa Sharia o, le one ba tsile go o fedisa ka ba sa o rate gotlhelele.