Blogs

Leo ga le kgaoganngwe

Go bolelwa fa Rre Ratang Ramosielele, a tsenye sekole mme a felela ka lokwalo lwa mophato wa boraro (Form 111). Bangwe e a re ba sa kgona go tswelela le dithuto tsa bone, ba itlhoboge. E re morago ga sekole, ba se ke ba nne le mogopoplo ope wa go ka leka botshelo. Ba, ba lebale gore, mpepi e a ipelegisiwa.

Go a bonala ga se ka ga nna jalo ka Rre Ramosielele. A bona gore, ga go reye gore, fa a sa kgona kwa sekoleng, go felela foo. Jaaka re utlwa, a tlelwa ke leano la go itshetsa ka diatla. A se ka a leba gore, mongwe o tlaa tswa koo, a tla go mo direla.

Nnyaa, a itse gore, motho ga a direlwe e se nama. Ke yoo,  re utlwa gore, a ema ka dinao, a bula kgwebo ya go dira digalase. Gongwe o tlaa botsa gore, ka sekole ke seo se ne se padile, kitso e ya go dira digalase, a e tsaya kae?

Motswana ga a loba sepe; o boletse gore, dilo makwati di kwatobololwa mo go ba bangwe. Fa o sa itse go dira selo, mme yo mongwe fale a itse go se dira, ga go rone gore o atamele, o mo kope go go thusa. Fa e le motho yo o lorato, a le pelotshweu, o tlaa go thusa. Ga nna jalo ka Rre Ramosielele. Ga twe a re, tiro e ya go dira digalase, o e rutilwe ke monna mongwe, gone mo Gabane, ka ngwaga wa 2011. A tlhoafala a ithuta, a sela sengwe, morago ga ngwaga tse pedi, a bula kgwebo ya gagwe. Mme ya tsamaya jang kgwebo e?

Go bolelwa fa kgwebo e, e simolotse e direlwa mo lwapeng. A Rre Ramosielele o ne a nyatsa theko mo gae, kgotsa eng, ga re itse. Fela re utlwa fa jaanong, a rekisetsa kwa Rail Park Mall mo Gaborone.

Motswana o a tle a re, ga go tsela e se ke e tlhoka mosetlho, a raya gore, tiro nngwe le nngwe, e a tle e nne le dilo dingwe tse di e emeng pele, di e itse go tswelela sentle. Setswana sa gompieno sa re dilo tseo, ke dikgwetlho. Mme ke dife dikgwetlho tse di emeng tiro ya ga Rre Ramosielel pele?

Ga twe selo sengwe ke gore, tiro e, ga e motlhofo, e batla go dirwa ka pelotelele. Re tlaa re, e batla gore motho a gate ka iketlo, a lebile gore o gata fa kae, o gata jang. Fa a sa dire jalo, kgwebo e tlaa phutlhama.

Selo se sengwe ga twe, Rre Ramosielele a re, Batswana ba rata go kolota thata mme ba tloge ba se ke ba duele. E ka tswelela jang kgwebo, dilwana di tswa, madi one a sa tsene? Go nna thata.

Le fa gone tsela e tletse mesetlho jaana, go utlwala fa Rre Ramosielele a sa lape pelo, a sa itsape, e bile a sa galale lemmenyana la madi le a le bonang. Ga twe a re, ka lemme leo, o tshetsa lelwapa la gagwe la bana ba bararo. Gape, o setse a rekile motshine o o gotlhang digalase,  jaanong o lekela go reka o o kwalang. A ga se gone gore, lemme ga le bolaye, go bolaya lefifi?

Fela jaaka gale, re ntse re gata le Dikgang (Daily News/Moranang 25 2018) mme re kopana le pego e ya kgwebo ya digalase mo go yone. Golo gongwe fa Dikgang e bua ka dikgwetlho tse kgwebo e e kopanang natso ya re;

‘ O buile fa a kopana le dikgwetlho.....ga reng ga tsone ke go rata go kolota ga Batswana.....’

Re buile thata gore, phoso e gantsi e dirafalang fa go kwalwa Setswana ke go tshwaraganya mafoko a a sa tshwanelang go tshwaragana. E re go ka bo go twe, ‘Ga go na tiro,’ go bo go twe, ‘Ga gona tiro’ jaaka re tle re bone madirelo mangwe a kwadile. Gompieno re bona phoso e sele.

Ke efe eo? E le ya go kgaoganya lefoko, e le dira mafoko a mabedi, lone mme e le lefoko le le lengwe. Leba mafoko a re a nopotseng ale. Mo go one, go mafoko ‘ga reng.’ Mafoko a, e ka bo e le lefoko le le lengwefela, e le ‘gareng.’ Go kwala sentle, go ka bo go ne ga twe ‘....gareng ga tsone ke.....’

Ka gale re a re selo se fa gare ga tse dingwe. E re re khutshwafatsa re re, gare/ gareng ga tse dingwe. Fa re re, ‘ga reng,’ foo re a botsa, re batla karabo nngwe. A re re, Monwedi o ne a tshwanetse go ya Mmadikgare mme a kganelwa ke pula. Fa re mmona fa, re tlaa re, ‘Ga reng o sa tsamaya?’ Fa, re batla go itse gore, go rileng, go diregile eng se se kganetseng Monwedi go tsamaya. Mme fa re lebela basimane bangwe fale, mo go bone go le Monwedi, re tlaa re, ‘Basimane ke bale, gare/gareng ga bone go Monwedi.’ Fa, re tlaa bo re supa, re kaya fa Monwedi a leng teng, re sa botse. Go ntse jalo. Fa re botsa ra re ‘Ga reng.....?’ mme fa re bua ka selo se na le tse dingwe re re, ‘Gare/gareng ga.....’ motshwanesyahoo.com