Naledi

Sisi Boy kana Nono?

Molefhi
 
Molefhi

Maemo a go buiwang thata ka o ne, ke a Monnasetilo wa BDP le Mokwaledimogolo wa yone. Bobegadikgang le jone, bo tlhwaafaletse kgang e, ka e bile makwalodikgang a a ikemetseng ka nosi le o ne a tlhosetsa ngwangisano mabapi le seemo se.

Ka jaanong bao ba ba umakilweng go emela maemo a ba setse ba ntshitse dihuba tsa bone, balatedi ba bone gone mo phathing e, le bone ga ba lobe yo ba mmatlang.

Maemo a go nna Monnasetilo, go tlhalosega a tlaabo a emetse ke Mothusa Tautona Mokgweetsi Masisi le Tona Nonofo Molefhi. Banna boo babedi ke mapalamente a dikgalo tsa Moshupa/Manyana le Selibe Phikwe Borwa ka go latelana.

Go setse gole mo mpepeneng gore Masisi o na le lekunutu la gagwe le le mo thusang go ipapatsa fa Molefhi le ene a na le lekgamu la gagwe le le mo bapatsang. Go kile ga umakega fa Jacob Nkate a ne a ikaelela go emela maemo a, mme ga fetoga ka jaanong go utlwala fa a tlaabo ele mokoko. Bangwe ba re jaanong o tla emela a bokwaledibogolo fa bangwe ba belaela gore o ka nna a emela tsa Monnasetilo mme a le mokoko.

Naledi e ne ya ralala dikutla tsa mobolo wa Gaborone o mogologolo (main mall) mme ya buisana le Batswana ka go farologana mabapi le kgang e. Batswana bangwe ba supile fa ba santse ba etseetsega gore tota ke mang yo o ka nnang Monnasetilo wa BDP magareng ga ga Masisi le Molefhi. Bangwe ba re ngwao ya BDP go tswa goolowe, e ntse e netefatsa fa Mothusa Tautona e nna ene a tshegetsang maemo a.

Mo bogompienong, Masisi o a tshegeditse. Ba re go tla nna thona gore motho wa maemo a a kwa tlase ga ga Mothusa Tautona a tsamaise khuduthamaga ya phathi e mothusa Tautona aleng leloko la yone.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba re Masisi a seka a emela maemo a, ka o setse a ya go tlhatlhama Tautona Seretse Khama Ian Khama go nna Tautona ya Phathi.

Rre Moses Pule a re, wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi, a re o bona fa Mothusa Tautona Rre Mokgweetsi Masisi a tla bona maemo a Monnasetilo ka gore ke kgeleke ya puo e bile o setse a supile fa na le bokgoni jwa go etelela setshaba, tota le yone phathi ya Domkgrag.

Rre Samuel Molamu yo o dingwaga di le masome mane le borobabongwe a re, ene maikutlo a gagwe ke gore batho ba ikakanyetsa ba le nosi, a bolela fa Molefhi a ise a ko are o batla maemo a. A re, o pateletswa ke bangwe fela go lwantsha Masisi mo maemong a a mo lebaneng.

Molamu a re, a Batswana ba tlogele Masisi kana “Sisi Boy” jaaka a tlwaelesegile go bidiwa, a nne Monnasetilo. A re Masisi o itshupile bonatla mo boeteleding pele fa e sale a nna mothusa-Tautona ka jalo se, ke sekao sa gore tota ene ke moeteletepele.

Mme Gladys Moje, yo o dingwaga di le masome matlhano le borobabongwe, a re Molefhi o ka direla lefatshe tse di ntle. A tlhalosa gore Molefhi o kgonne go etelela maphata a puso ka go farologana, mme o kgonne go atlega mo go direleng maphata ao. O boletse fa Molefhi ele motho yo o bonolo mo go tsamaiseng merero le sechaba e bile a na le kitso e ntsi ya tsamaiso puso.

Fela jaaka Mme Moje, Mme Oratile Mlebye le ene a re Molefhi ke motho ka batho ebile ga ana boikgogomoso.

Naledi e ne gape ya fitlhela segongwana sa borre se iketlile kwa lefelong le le tlwaelesegileng jaaka “Kwa Radio mall”.

Ba ne ba amogela patlo maikutlo ka Naledi mme bontsi jwa bolela fa Molefhi ele motho wa batho go na le Masisi. Bare Masisi o nna a le mo lebelong le fa batho ba leka go dira maiteko a go buisana le ene mo maetong le diphuthego tsa gagwe.

“Le fa gotwe o Mothusa Tautona, o tshwanetse wa ipha metsotsonyana go tlotla le batho, fela jaaka mogolowe (President Khama) a kgona go dira,” ba rialo.

Ba re, ga ba itumelele tsamaiso ya dilo dingwe, e e dirwang ke Mothusa Tautona Masisi. Ba tswelela ba tlhalosa fa Masisi a ne a tlhaela fa a ne a filwe boikarabelo ya go tlhamela Batswana ditiro.

Ba buile gore fa Masisi a ka gapa maemo a Monnasetilo wa BDP, ke gone a tla itshupang mebala ya gagwe ya kgatelelo mo phathing ka go bo a ka seke a kgone go bopa phathi, ele yone e setseng e reketla mo boeteledipeleng.