Naledi

Mogobagoba o thulanye le kolotsana

 

Mogolwane wa mapodisi a tsela, Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni a re, ba belaela fa mokgweetsi wa teraka a ne a kgweetsa ka lobelo le le kwa godimo ka jaana go lebega a ne a setse sekotsekara sa ditonki morago. A go lemotshega fa ene yare a lemoga gore o setse se atumetse thata, a leka go fapogela ka fa moleng wa letsogo la moja, mme ka maswabi a fitlhela dikoloi tse dingwe di setse di le gaufi, ya Toyota Hilux ele nngwe ya tsone.

Sechoni a re, gangwe le gape ba gakolola le kgalemala bakgweetsi go fokotsa lebelo mo ditseleng. A re mabapi le tiragalo e, go lebega go kgweeditswe makgwakgwa mme kotsi ya gapa botshelo jwa rre yoo, fa mopagami yo aneng a na le ene, a bone dikgobalo tse di masisi,”arialo Sechoni.

A re mopagami yoo, yo le ene eleng rre, o santse a robaditswe mo kokelong ya Palapye.

Mo tiragalong e nngwe, mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe yoo dirang ele lepodisi kwa kgotleng ya Mogorosi, mo kgaolong ya Legare, a ne a baka kotsi mme ga tlhokafala mosimane wa dingwaga tse lesome le bone morago ga gore a pege bana bao ba le lesome mo kolotsaneng ya gagwe ya modiro wa Toyota Sedan bosheng.

Go ya ka ba sepodisi, rre yoo dingwaga di masome a mane le bone (44) o ne a thusa bana bao ba basimanyana ka sepalangwa ba neng ba tswa kerekeng ya Bethlehem kwa Serowe ba ya Mogorosi ka Tshipi. Mme yare fela ba lebile go goroga, mokgweetsi a leka go feta base ee neng ele fa pele ga bone mme ka maswabi a thula dikgomo tse tharo ka go latelana.

Mothusa ramapodisi a Serowe, rre Bopelo Ntatiwa o tlhalositse fa mokgweetsi a folotse ka dikgobalo tse di sa bonaleng mme ebile a setse a ntshitswe kwa sepateleng sa Sekgoma. Ntatiwa a re mo basimanyaneng ba bangwe, ale mongwe a santse a robaditswe kwa Nyangabgwe, mme ba le babedi ba le kwa sekgoma ka dikgobalo tse di masisi.

Ntatiwa a re mokgweetsi yoo o lebaganwe ke molato wa go baka loso ka go kgweetsa a se kelotlhoko le wa go pega palo ee fetileng sepalangwa sa gagwe.

Mapodisi ba gakolotse sechaba go ikela tlhoko thata go tila dikotsi tsa dikoloi bogolo jang mo malatsing a a tsenang a dipaseka.

A re ke one malatsi a go diragalang dikotsi ka bontsi ka jaana bontsi ja batho ba kgweetsa ka letsapa, fa  bangwe ba le mo mabelong mme ere morago ba bake dikotsi.