Naledi

Go thubega ga malwapa go a gola kwa Tlokweng

Kgotla ya Batlokwa
 
Kgotla ya Batlokwa

Malatsi ano, nyalo ga e sa tlhole e na le seriti se e se tlhokang, ka tota le one mowa wa bopelotelele le neelano, ga o sa tlhole o bonala thata mo nyalong, bogolo segolo mo bananeng. 

Go latedisa kgang e, Naledi e ne ya buisanya le Mothusa Mokwaledi kwa Kgotleng kgolo ya Batlokwa, Mme Kagiso Modisathebe. Mme Modisathebe o boletse gore, go tswa ka ngwaga wa 2011 go fitlha gompieno, ba amogetse dikgang di le dintsi tsa go thubega ga malwapa.

A re ga go  fete ngwaga ba sa reetsa dikgang tsa mothale o, mme e bile di ama thata banyalani ba banana.

Mme Modisathebe o boletse gape fa mabaka mangwe e le  go tlhoka kutlwisisanyo ka ntlha tsoo pedi; batsadi ba mosimane le ba mosetsana, fa banyalani ba tlhoka go tsereganngwa.

A re fa gongwe go dirwa ke seemo se mongwe wa banyalani a tlaa bong a tlhaga logora kwa morago mme a iponele mongwe kwa thoko (nyatsi). E re fa kgang e ketefalela pele, banyalani ba paletswe ke go ithuna dinta, batsadi le bone ba eme/dumalane le mongwe wa bana ba bone, se e le go leka go mo sireletsa le ntswa gongwe e le ene a leng molato.

O boletse fa gantsi batsadi ba retelelwa ke go tsereganya mme dikgang di felele kwa kgotleng.

Modisathebe a re, mongwe mo banyalani o ka feletsa a tsaya tshwetso ya go ingaola mme lelwapa le gomagomediwe ke go thubega.

“Dikatlholo di a ntshiwa mo dikgannyeng tse, mme gantsi yo o molato a a tlholwe madi a a simololang ka dipula tse di dikete di masome a mararo (P30,000),” ga tlhalosa jalo Modisathebe, a bo a bolela fa mo ngwageng, ba kgona go reetsa dikgang tsa mohuta o, di ka tshwara lesome.

A re gantsi go amega banyalani ba dingwaga tse di lesome le bofera bobedi go ya kwa godimo.

Modisathebe a re mo gongwe, Batswana ba dumela fa go se thona gore mosadi kana monna a nne le nyatsi, e bile gape, ba dumela fa se e le bontlha bongwe jwa ngwao ya Batswana bangwe.

Richard Boitshwarelo, yo e leng Mothusa Molaodi wa kgaolo ya Tlokweng, o boletse mo puisanyong le Naledi fa tiro ya bone e le go letlanya dikgang tsa tlhoka kutlwisisano ya banyalani.

O ne a tlhalosa gape gore, batho ba ba amegang thata ke banana fa bagolo bone ba rotha. A re gantsi go ngongorega basadi pele; banna bone ba itshupe morago ka dingongora tsa bone. O boletse gore, medi ya dikgang tse e a bo e le go nna le dinyatsi ga banyalani.

O tsweletse a bolela fa batsadi le bone ba ka feretlha malwapa a bana ba bone mme a felela a thubega. A re ba dira jalo ka go batla go laola malapwa a banyalani, ba e leng bana ba bone.

“Banyalani le bone ba nna le kubetsano e e bakwang ke tiriso ya madi mo lwapeng, fa gongwe madi a go tsamaiso lelwapa a sa neelwane,” Boitshwarelo a tlhalosa jalo.

Mothusa molaodi o boletse gape fa go na le dikgang tse mo go tsone banyalani ba sa utlwaneng ka go godisa bana. A re kgang kgolo fa, e nna fa go dirafetse mo go tweng, ‘Go e tsaya ka namane.’ E re kgabagare mo nyalong, rre kana mme, a fufegele ka fa mopati wa gagwe a kgalemelang ngwana ka teng.

“Lefufa la kgodiso ya bana le kgona go baka tlhoka kutlwisisano ya batsadi mme mongwe a lebe gore ngwana mongwe o ratwa jang go na le yo mongwe. Se,se dire gore batsadi ba farologane ka maikutlo. Kgabagare dikgang di felele kwa ga molaodi kana kwa kgotleng ya Setswana,” Boitshwarelo a tlhalosa jalo.

O kopile batsadi go dirisanya le baruti go gakolola kana go rotloetsa banyalani go tsenelela bogakolodi jo bo nonofileng le tshidilo maikutlo fa go tla mo mererong le tsamaiso ya nyalo.