Naledi

Ketekang malatsi a Paseka Sentle

Kgakolo ya rona ke gore, jaaka re tlaabo re tsaya maeto, re ele tlhoko gore dikoloi tse re di dirisang di itekanetse le gore a di babalesegile go ka tsaya maeto a maleele.

Botlhokwa jo bongwe ke gore, re itshireletse mo dilalomeng tse di sasankegang mo mebileng ka maikaelelo a go amoga Batswana ditsabone.

Re gakolola Batswana gore ba inaakanye le makgotla a ntebela ke go lebele, gore ba kgone go thusana go sireletsa malwapa a bone.

Sengwe gape se re tshwanetseng go se ela tlhoko le go se fema, ke go nwa phetelela mo re feletsang re sa kgweetse sentle le go sa ele tlhoko batsamaya ka dinao.

Re gakolola Batswana go itekanyetsa dino mme ba dire jalo ka maikaelelo a go sireletsa matshelo a bonele a ba bangwe.

Go beng ba dikoli tsa setshaba, rele kopa go tlhatlhoba dikoloi tsa lona malatsinyana pele ga mesepele.

Go dira jalo ke go fa mokgweetsi sebaka sa go ela tlhoko makoa a a sa lemosegeng mo koloing, e seng kgabagare mo mosepeleng, go nne le matlhotlhapelo a, a kabong a femilwe.

Re rotletsa gape gore bao ba ba tsayang mesepele e meleele, ba emelele nako e sale teng mme e bile ba itapoloso fa gare ga mesepele ya bone.

Ditshekatsheko tsa sepodisi sa rona sa pharakano, di supa fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke go sa itapoloseng ga bakgweetsi mme letsapa le ba aparele.

A ere re tsaya maeto a rona re ele tlhoko gore diteseletso tsa mesepele kana dipasa tsa rona dimo mo tirisong, go fema mesuke kwa melelwaneng.