Naledi

Ga se melatswana

 

Potso ya rona ya ntlha e tlaa nna gore, thobega ke eng? Ga twe thobega ke kalafi ya Setswana, e ka yone go alafiwang marapo  a a robegileng, e ka nna a motho kgotsa a loruo. Marapo a, a alafiwa ka go lomaganngwa kgotsa go tshwaraganngwa.

Re itse gore, e ka re motho a ntse a tsamaya, a kgopiwa mme a wa, a robega leoto kgotsa lebogo. Ka lerapo lengwe le robegile, le tshwanelwe ke gore le alafiwe, le boele, le nne jaaka le ne le ntse pele. Ga twe fa, ke gone fa thobega e tsenang teng. A dire ka fa a itseng ka teng Motswana mme lerapo lele le boele le siame. Mme mo kalafing e, go dirisiwa eng, se dirisiwe jang?

Ga re itse mme fela, re utlwa fa Rre Moamerika kwa Maun ene a dirisa setlhare sa moselesele le mahura a podi. A dingaka tsotlhe di dira jaana kana bangwe ba dirisa ditlhare di sele, re ntse ga re itse. Motswana o rile, ga go ngaka e epelang e nngwe; a re, ngaka nngwe le nngwe e a ikepela, Jalo he, go ka itse bone fela gore ba dira jang.

Go sale foo, ga go tlhalosiwe gore moselesele ole, le mahura ale a podi, di dirisiwa jang.

Go bolelwa fela gore go dirisiwa moselesele o o sidilweng, o kopantswe le mahura a podi. Gore a go silwa medi, dikala, matlhare kgotsa magala a moselesele o, ga go bolelwe. Mahura ale le one ga go bolelwe gore a a dirisiwa a le tala (a sa apewa) kgotsa a a apewa, mme ke gone a dirisiwe.

Le gale, tseo a re di tlogele, ke tsa beng. Gongwe fa Rre Moamerika a ne a ka tlhalosa ka botlalo, o ne a tlaa bo a re ruta bongaka jo re neng re tlaa bo dirisa fela re sa mo lefa ka sepe, re bo tsere mahala mo go ene..Gongwe bangwe ba tloge ba tsamaye mo, ba ipolela gore, thobega ga ba e lebele, mme ba tshotse kitsonyana fela e e seng ya sepe.

Rre Moamerika ene kitso ya go thobega a e tsere kae?  Ga twe a re, o rutilwe ke tsala ya gagwe e e neng e le ngaka ya Setswana.

Go bolelwa fa Rre Mamerika a re o ne a kgatlhegela tiro e, ka e ne e le morui mme a batla gore, e re loruo lwa gagwe lo robegile, a lo ikalafele. Ga twe ga nna jalo,  ya re a se na go ithuta, a simolola go thobega ka loruo lwa gagwe. Go bona ka fa a neng a dira sentle ka teng, ga twe batho ba mo rata mme ba simolola go kopa gore a ba thuse. Ya bo e le gone fa a gatetse pele.

Go lebega fa tiro ya ga Rre Moamerika e tsweletse sentle thata ka ga twe a re, o itshetsa ka yone le bana o ba tsenya sekole ka madi a yone. Se, e bo e le selo se se molemo  ka Setswana sa re, motho ga a direlwe e e nama; se raya gore, motho o tshwanetse go iteka, a itirela go itshetsa, e seng go letela gore mongwe o tlaa tswa koo, a tla go mo direla. Nnyaa, moo go ka latsa motho nageng, ga ba ga mo latsa le tlala.

Kgang e re buang ka yone gompieno e begwa ke Dikgang/Daily News ka fa tlase ga setlhogo se se reng;

‘Go thobega go tlodisa monna melatswana.’

Lefoko ke leo ga twe melatswana. Le ke lone lefoko le re tlaa buang ka lone gompieno. Re bua ka lefoko le ka gantsi le dirisiwa fa le sa tshwanelang go tsena teng. Pele ga re fetela pele a re re, rotlhe re itse gore molatswana ke molapo o monnye. Mme molapo one ke eng?

Thanodi ya Setswana ya re molapo  ke, ‘mo go telele mo go nang le mmu wa motlhaba.’ E tswelele e re, ‘fa gongwe go ela metsi fa pula e nele; noka.’ Setswana- English Dictionary yone e re, ‘same as noka, a river, a river bed.’ Thanodi tse ka bobedi, di supa gore molapo le noka, ke selo se le sengwefela; go a tshwana.  Le fa go ntse jalo, Setswana se ntse se farologanya dilo tse.

Lenatetshapuo la nnete la re, go tlodisa dinokana di tletse.

Go ka twe, Neo o tlodisitse Oroba dinokana di tletse, go raya gore, Oroba o ne a pitlaganyeditswe, a sa itse gore o ka bona thuso kae,  mme Neo a tla, a mo thusa, a mo inola mo pitlaganong eo.

Seane sone ke sone se re, ‘Noka e tladiwa ke melatswana.’ A re itse gore, ke go tlodisa dinokana di tletse, e seng melatswana, mme  noka  ke yone e tladiwe ke melatswana.motshwanes@yahoo.com